Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Feb. 15
“A o kile wa ipotsa gore o ka kaela botshelo jwa gago jang ka tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe le go dira ditshwetso tse di botlhokwa thata? [Mo letle gore a arabe.] Mo Baebeleng, go na le kaelo nngwe e e di gaisang tsotlhe, e e jaaka Molao wa Sekagouta. [Bala Mathaio 7:12.] Ke melaometheo efe e mengwe ya bomodimo e e ka re solegelang molemo ka tlhamalalo? O tla bona karabo mo makasineng ono.”
Tora ya Tebelo Mar. 1
“Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di diregang gompieno, bontsi jwa rona re ipotsa gore go tlile go diregang mo isagweng. Mo thapelong e e itsegeng thata, Jesu Keresete o ne a senola lebaka la go bo re ka leba isagwe ka tsholofelo. [Bala Mathaio 6:9, 10.] Batho ba boeletsa diphoso tse di neng tsa dirwa ke ba bangwe bogologolo tala. Le fa go ntse jalo, mo metlheng eo, batho ba ba neng ba direla Modimo ba ne ba na le isagwe e e itumedisang. Makasine ono o bontsha kafa le rona re ka nnang le yone ka teng.”
Tsogang! Mar. 8
“Baebele e gatelela botlhokwa jwa go nna le thuto e e molemo. [Bala Diane 2:10, 11.] Bontsi jwa rona re lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng gore bana ba rutwe ke barutabana ba ba tshwanelegang. Tsogang! eno e bontsha seabe se segolo sa barutabana, kafa re ka anaanelang go intsha setlhabelo ga bone ka teng, le se batsadi ba ka se dirang go ba thusa mo tirong ya bone e e bokete.”
“O ka nna wa tswa o lemogile gore mafelo a le mantsi a go berekelwang kwa go one a setse a le kotsi thata. Makasine ono o na le dikakantsho tse di molemo tse di bontshang kafa mafelo ano a ka dirwang gore e nne a a babalesegileng ka teng. Gape o bontsha gore boitekanelo jwa rona bo amana le gore a re na le pono e e lekalekaneng ka tiro ya boitshediso. Ke kopa gore o o bale?”