Lebaka La go Bo re Rata Bakaulengwe ba Rona Botlhe
Mo lefatsheng la gompieno le le se nang lorato, re ka tswelela jang re ntse re na le lorato lo logolo mo bakaulengweng ba rona ba semoya? (1 Pet. 2:17) Re ka bontsha ba bangwe jang gore tota re rata bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe? (Math. 23:8) Ka go dirisa bidio e e reng Our Whole Association of Brothers. E bontsha mabaka a go bo re ratana. Bona gore a o ka araba dipotso tse di latelang:
(1) Ke ditiro dife tse tharo tse rona le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe re nnang le seabe mo go tsone? (2) Bakaulengwe ba rona ba bontsha jang gore ba ikemiseditse go rera kwa (a) dikakeng tsa Alaska, (b) kwa maemakepeng a magolo a Yuropa le (c) kwa dikgweng tse di kitlaneng tsa Peru? (3) Ke sedirisiwa sefe sa konokono se se dirisediwang go neela bosupi? (4) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore go rera ke tiro e e tlwaelegileng fela? (5) Neela dikai tsa ka fa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gomotsana le go tshegetsana ka gone mo dinakong tsa matshwenyego—dithoromo tsa lefatshe, dikgwanyape le dintwa tsa selegae. (Bona dikakgelo tsa ga Takao mo tsebeng 23 ya makasine wa Tsogang! wa August 22, 1995, (ka Seesemane) le tsa ga Kotoyo mo tsebeng ya 16 ya makasine wa Tsogang! wa November 8, 1996.) (6) Rotlhe re ka bontsha ka ditsela dife tse di mosola letshwao le legolo le le re tlhaolang jaaka bakaulengwe ba Bakeresete? (Joh. 13:35) (7) Re tshwanetse go tsaya dipokano tsa phuthego di le botlhokwa go le kanakang? (8) Go nna le Holo ya Bogosi e re kopanelang mo go yone go ama jang ba ba neng ba sena yone mo nakong e e fetileng? (9) Bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba le Russia ba ne ba kgona go tswelela jang ba nonofile semoyeng le fa ba ne ba thibetswe? (10) Le eleng gone jaanong, Basupi ba le bantsi ba iteka jang ka tlhoafalo go nna teng kwa dikopanong mme ka ntlha yang? Seno se go kgothaditse jang? (11) Ke ka ntlha yang fa o ikemiseditse go obamela ka kutlwano le ba bangwe, go ba thusa mo dinakong tsa mathata le go rera ka boikanyegi gongwe le gongwe le ka tsela epe fela e o ka kgonang ka yone? (12) Ke ka ntlha yang fa go tla nna molemo gore o nne le khopi ya bidio eno mme o e bontshe batho ba ba kgatlhegang ba le bantsi ka mo o ka kgonang ka gone?