LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/13 ts. 7
  • “Ratang Bakaulengwe Botlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ratang Bakaulengwe Botlhe”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo re Rata Bakaulengwe ba Rona Botlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Bakaulengwe ba ba Seoposengwe
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • “Batho Botlhe ba Tla Itse Ha lo le Barutwa ba Me ka mo”
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 1/13 ts. 7

“Ratang Bakaulengwe Botlhe”

Mafoko a a tlhotlheleditsweng a setlhogo seno a ne a kwalwa mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng. (1 Pet. 2:17) Mme re tshwanetse go a dirisa go feta le fa e le leng pele! Re ka rata jang bakaulengwe ba lefatshe lotlhe? Mme mo lefatsheng leno le le se nang lorato, re ka tlhomamisa jang gore le ka motlha lorato lwa rona ga lo fokotsege? (Math. 24:12) Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang fa o ntse o lebile bidio ya Our Whole Association of Brothers.

(1) Re simolotse leng go nna karolo ya bokaulengwe jwa Bokeresete? (2) Ke ditiro dife tse tharo tse rona le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe re nnang le seabe mo go tsone? (3) Bakaulengwe ba rona ba bontsha jang gore ba ikemiseditse go rera kwa (a) dikakeng tsa Alaska, (b) kwa maemakepeng a magolo a Yuropa le (c) kwa dikgweng tse di kitlaneng tsa Peru? (4) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore go rera ke tiro e e tlwaelegileng fela? (5) Neela dikai tsa ka fa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gomotsana le go tshegetsana ka gone (a) morago ga thoromo ya lefatshe, (b) morago ga kgwanyape le (c) ka nako ya ntwa ya selegae? (6) Rotlhe re ka bontsha ka ditsela dife tse di mosola letshwao le legolo le le re tlhaolang re le bakaulengwe ba Bakeresete? (Joh. 13:35) (7) Melemo ya go bereka mmogo fa re ikagela Diholo tsa rona tsa Bogosi ke efe? (8) Bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba le Russia ba ne ba kgona go tswelela jang ba nonofile semoyeng le fa ba ne ba thibetswe? (9) Basupi ba le bantsi ba iteka jang ka tlhoafalo go nna teng kwa dikopanong mme ka ntlha yang? (10) Bidio eno e go thusitse jang go nonotsha boikemisetso jwa gago jwa (a) go obamela Jehofa ka kutlwano le bakaulengwe ba gago kwa dipokanong tsa Bokeresete, (b) go thusa ba bangwe fa ba tlhoka thuso le (c) go rera ka boikanyegi nako nngwe le nngwe fa o kgona le gongwe le gongwe kwa o leng teng? (11) Re ka dirisa bidio eno jang mo bodireding le gone leng?

Lebaka le legolo la go nna karolo ya bakaulengwe ba Bakeresete ba lefatshe lotlhe ke ka gonne re rata Jehofa. Ka jalo, re rata go ithuta le go ruta ba bangwe ka ene. E bile re rata batho ba Jehofa a ba ratang. Fa re ba thusa fa ba tlhoka thuso, ga re a lebelela gore Modimo a re leboge. Go na le moo, re leboga Modimo ka gonne re leba bakaulengwe ba rona ba Bakeresete e le mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa go ene. Fa metlha eno ya bofelo ya lefatshe leno le le se nang lorato e ntse e ya bokhutlong, e kete re ka tswelela pele re rata bakaulengwe botlhe!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela