Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo June 15
“A o akanya gore mathata a a tshwanang le ano a tla tsamaya a fela? [Bala se se nopotsweng mo tshimologong ya setlhogo sa ntlha, o bo o mo letla gore a arabe.] Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re tlhomamisetsa gore mathata ao a tloga a fela. [Bala Pesalema 72:12-14.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa ka fa a tla fedisiwang ka gone.”
Tora ya Tebelo July 1
“Dimilione di le dintsi tsa batho ba dirisa ditshwantsho kana medingwana mo kobamelong ya bone, mme dimilione tse dingwe tsone di akanya gore seno se phoso. A o kile wa ipotsa gore Modimo o akanyang ka seno? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala Johane 4:24.] Ditlhogo tseno di bontsha ka fa tiriso ya medingwana e simologileng ka gone le se Baebele e se bolelang ka go obamela ditshwantsho.”
Tsogang! July 8
“A o akanya gore mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla tsamaya a nna le kgololesego ya boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tsholofetso eno e e itumedisang ya Modimo. [Bala Baroma 8:21.] Gore tsholofetso eo e diragadiwe, bokgoba jotlhe bo tla tshwanelwa ke go fedisiwa, a ga go jalo? Makasine ono wa Tsogang! o bontsha ka fa seno se tla dirwang ka gone.”
Tsogang! July 8
“Baebele e porofetile gore go tla nna le dinako tsa mathata mo metlheng ya bofelo. [Bala 2 Timotheo 3:1, 3.] Go oketsega ga bokebekwa mo lefatsheng lotlhe go supa seo. Akanya fela gore maemo a ne a tla nna maswe go le kana kang fa go ka bo go se na mapodise! Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka mathata a mapodise a nang le one mo lefatsheng lotlhe.”