Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
1 Fa metswedi ya tshedimosetso le batlhatlheledi ba dithuto tsa lefatshe ba ntse ba rotloetsa go huma, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go “Huma Ditiro Tse di Molemo.” (1 Tim. 6:18) Seo ke sone setlhogo sa thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, e e tla simololang ka September 2002. Ke kgothatso efe e re tla e amogelang kwa kopanong eo?
2 Molebedi wa potologo o tla tlhalosa gore go rayang go “Huma ka Tsela ya Bomodimo,” mme o tla botsolotsa bangwe ba ba itekang ka natla gore ba hume semoyeng. Mo puong ya gagwe ya ntlha ya letsatsi, sebui se se etileng se tla bontsha kafa batho ba Modimo ba dirang “Ditiro Tse di Molemo mo Motlheng Ono wa Thobo.” Rotlhe re tla kgothalediwa go sekaseka kafa re ka nnang le seabe ka botlalo ka gone mo tirong ya thobo e re e neilweng ke Modimo e e dirwang gompieno.
3 A bo re itumela jang ne fa re bona basha ba Bakeresete ba gagamalela dikhumo tsa semoya! Seno se galaletsa Jehofa e bile se thusa basha go thaya motheo wa go bona ditshiamelo tsa tirelo mo isagweng. Puo ya setlhogo se se reng “Go Akgolela Basha Ditiro Tse di Molemo Tsa go Baka Jehofa,” e tla tlhalosa ditiro tse di molemo tse di ntseng di dirwa ke basha ba Bakeresete ba mo potologong ya lona.
4 Matswela a go gagamalela ditiro tse di molemo ke afe? Sebui se se etileng se tla tlotla ka seno mo puong ya gagwe ya bofelo ya setlhogo se se reng, “Tswelelang lo Dira Ditiro Tse di Molemo Mme lo Bone Masego a ga Jehofa.” O tla tlotla ka dikarolo di le nnè tse re ka bonang masego a magolo mo go tsone: (1) re le motho ka bongwe, (2) re le malapa, (3) re le phuthego, le (4) re le phuthego ya lefatshe lotlhe.
5 Ba ba ineetseng mo go Jehofa ba tla nna le sebaka sa go kolobediwa. Fa e le gore o siametse go tsaya kgato eo, itsise molebedi yo o okamelang ka bonako.
6 Fa go itsisiwe letlha le kopano ya lona e tla tshwarwang ka lona, dira dithulaganyo tse di tlhomameng ka bonako gore o nne gone. Leka go fitlha go sa le gale gore o nne le seabe mo pineng ya ntlha le thapelo. Go nna gone le go reetsa thulaganyo yotlhe ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe go tla re nonotsha go tswelela re tsamaya mo tseleng e e re humisang go ya ka tsela ya Modimo wa rona Jehofa.