Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Aug. 15
“O akanya gore tsela ya go ikanyega e e di gaisang tsotlhe ke efe? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se gatelela go ikanyega mo Modimong wa boammaaruri. [Mmontshe tsebe 5, o bo o bala 2 Samuele 22:26.] A o ne o itse gore go ikanyega mo Modimong go ka thusa go dira gore batho ba se ka ba direla ba bangwe ditiro tsa go tlhoka lorato? Ke solofela gore o tla itumelela go bala ka gone.”
Tora ya Tebelo Sept. 1
“A o lemogile gore mo mafelong a le mantsi baagisani ga ba tlhole ba itsane jaaka pele? [Mo letle gore a arabe.] Jesu o ne a umaka molaomotheo o o botlhokwa o o dirang gore re nne baagisani ba ba molemo. [Bala Mathaio 7:12.] Ditlhogo tseno di bontsha kafa re ka nnang baagisani ba ba molemo ka gone le go kgothaletsa ba bangwe go dira se se tshwanang.”
Tsogang! Sept. 8
“A o kile wa tshwenngwa ke gore bothata jwa kgotlelo jo bo bakilweng ke batho ga bo tlhole bo laolesega? [Mo letle gore a arabe.] Selo sa konokono se se bakang bothata jono ke go senya. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba se ka ba senya. [Bala Johane 6:12.] Makasine ono o bontsha kafa go latela melaometheo ya Baebele go ka thusang malapa ka gone gore a se ka a nna le tshenyo.”
“Botshelo jwa batho ba le bantsi ga bo a tlhomama gompieno. [Bala Moreri 9:11.] Re ka bona kae kaelo e re ka e ikanyang? [Mo letle gore a arabe.] Bangwe ba batla kaelo mo masaitseweng a dipalo. A eno ke tsela e o ka senolelwang isagwe ya gago ka yone? O ka bona kae tshedimosetso e e ikanyegang ka isagwe? Tsogang! e na le dikarabo.”