LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/03 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 8/03 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Aug. 15

“Batho ba le bantsi ba batla go itirela leina le lentle. Bangwe ba ipotsa gore ba tla gakologelwa jang fa ba setse ba tlhokafetse. A o kile wa akanya ka seno? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Moreri 7:1.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bontsha kafa re ka itirelang leina le lentle ka gone mo bathong le mo Modimong.”

Tora ya Tebelo Sept. 1

“Batho ba le bantsi ba akanya gore ditumelo tse di farologaneng tsa batho ke ditsela fela tse di farologaneng tse di isang lefelong le le lengwe. Ba bangwe ba dumela gore go na le tumelo e le nngwe fela ya boammaaruri. A o kile wa akanya ka seno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka setshwantsho sengwe sa bogologolo se se dirang gore re tlhaloganye kgang eno sentle.” Umaka Mathaio 13:24-30.

Tsogang! Sept. 8

“Fa e le gore wena kana mongwe mo lelapeng la gaeno o kile a lebana le bothata jwa go kgerisiwa, o itse kafa seno se tshwenyang ka gone mo maikutlong. [Mo letle gore a akgele.] Makasine ono wa Tsogang! o naya batho ba ba kgerisiwang dikakantsho tse di mosola. Gape o tlotla ka tsholofetso ya Modimo ya nako e ka yone go tla bong go sa tlhole go na le mathata a a ntseng jalo mo botshelong.” Bala Mika 4:4.

“Difeshene di tlhotlheletsa batho ba le bantsi thata gompieno. Batho bangwe ba akanya gore go gatelelwa thata moaparo wa batho le kafa ba lebegang ka gone. Wena o akanyang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o re thusa go leba difeshene ka tsela e e tshwanetseng.” Bala Bakolosa 3:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela