Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Aug. 15
“Gompieno, batho ba batla kgakololo mo metsweding e mentsi malebana le lenyalo le go godisa bana. O akanya gore kgakololo e e molemo go di gaisa tsotlhe e ka bonwa kae? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka kgakololo nngwe e e botlhale e e malebana le botshelo jwa lelapa e e tswang kwa Mmoping wa batho.” Bala Pesalema 32:8.
Tora ya Tebelo Sept. 1
“Rotlhe re batla go itumela. A o akanya gore dilo tse di umakiwang fano ruri di ka re dira gore re itumele? [Bala Mathaio 5:4a, 6a, 10a. Go tswa foo o mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa bokao jwa mafoko ao a a neng a buiwa mo Therong e e itsegeng ya kwa Thabeng mme o tlhalosa gape gore ke eng se sengwe se se ka dirang gore motho a itumele.”
Tsogang! Sept. 8
“Go fopholediwa gore motho a le 1 mo go ba le 4 o tla nna le bolwetse jwa tlhaloganyo nako nngwe mo botshelong jwa gagwe. Bontsi jwa rona re itse mongwe yo o nang le bolwetse jono. [Bula setlhogo seo.] Setlhogo seno se na le dikakantsho tse di molemo malebana le se re ka se dirang fa mongwe yo re mo ratang a na le bolwetse jono.”
“O akanya gore go botlhokwa go le kana kang gore borre ba nne le seabe mo matshelong a bana ba bone? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka bothata jo bo ntseng bo oketsega jwa borre ba ba seyong mo gae go tlhokomela bana. Gape o tlhalosa kafa borre ba ka nnang le tlhotlheletso e e molemo ka teng mo baneng ba bone.” Bala Diane 13:1.