LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/05 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 8/05 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Aug. 15

“Batho ba le bantsi fa ba swetswe ba ipotsa gore go diregang fa motho a swa. A o akanya gore re ka kgona go tlhaloganya loso? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa gore Baebele ya reng ka boemo jwa baswi. E tlotla gape le ka tsholofetso ya Modimo ya go tsosa batho ba ba suleng ba re ba ratang.” Bala Johane 5:28, 29.

Tora ya Tebelo Sept. 1

“Mo lefatsheng la gompieno, boikanyego ke nonofo e e molemo e gantsi e buiwang bontle fela mme e sa dirisiwe. A ga o akanye gore go ne go tla bo go le molemo fa batho ba bantsi ba ka bo ba tshwana le tsala e e tlhalosiwang fano? [Bala Diane 17:17. Morago ga moo o bo o mo letla gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka melemo e re ka nnang le yone ka ntlha ya go ikanyega mo go ba lelapa la rona le ditsala.”

Tsogang! Sept. 8

“A o ne o itse gore kgwebo ya bojanala ke yone e e dirang gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba bone tiro go feta sepe se sengwe? [Mo letle gore a arabe.] Go gola ga kgwebo ya bojanala go ile ga tlisa melemo le mathata. Makasine ono o tlotla ka melemo le mathata a bojanala gompieno. Gape o ntsha dikakantsho tse di ka thusang bajanala ba ba etelang dinaga di sele.”

“Gongwe o kile wa gakgamadiwa ke tsela e dilo tsa tlhago di dirisanang mmogo ka teng. [Umaka sengwe sa dikai tse di umakilweng mo setlhogong seo.] A ga go swabise go bona batho ba palelwa ke go dirisana mmogo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa gore go ise go ye kae, Modimo o tla dira gore lefatshe leno la rona le nne le kagiso le kutlwano.” Bala Isaia 11:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela