Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Aug. 1
“A o a dumela gore go ikobela taolo eno ya ga Jesu go tla oketsa boitumelo mo lelapeng? [Bala Johane 13:34. Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bontsha kafa dithuto tsa ga Jesu le sekao sa gagwe se ka dirisiwang ka teng ke leloko lengwe le lengwe la lelapa.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 16 le 17.
Tsogang! Aug.
“A o akanya gore dipuso tsa batho di tla kgona go rarabolola kgang ya go gotela ga moya o o mo loaping? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Jeremia 10:23.] O tla itumelela setlhogo seno. Se tlhalosa tsela e Modimo a tla rarabololang mathata a a dirang gore polanete ya rona e nne mo kotsing.”
Tora ya Tebelo Sept. 1
“Batho ba le bantsi ba tlwaelane le mafoko a ga Jesu a a leng mo go Mathaio 6:9. [E bale.] Le fa go tse jalo, ba le bantsi ba go fitlhela go le thata gore ba ka atamalana le Modimo jaaka Rre. O akanya gore re ka atamalana jang le Modimo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka dinonofo tse di farologaneng tsa Rraarona wa kwa legodimong le ka moo re ka mo itseng ka gone.”
Tsogang! Sept.
“Go ralala makgolo a dingwaga, go ntse go na le dingangisano ka kgang ya botshelo morago ga loso. Wena o akanya eng ka gone? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Jobe a ileng a bontsha tumelo ka teng. [Bala Jobe 14:14, 15.] Ditlhogo tseno di bontsha se Baebele e se bolelang ka botshelo morago ga loso.”