Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Batho ba le bantsi ba dumela gore ‘baitshepi’ ba na le maatla a a kgethegileng e bile ba dumela gore go rapela ka bone go a thusa. O akanyang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Jesu Keresete a neng a se bua. [Bala Johane 14:6.] Seno se dira gore batho ba bangwe ba ipotse gore a go siame go rapela ka ‘baitshepi.’ Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bua ka kgang eo ya botlhokwa.”
Tora ya Tebelo Oct. 1
“Batho ba bantsi ba ipotsa gore a mathata a re a bonang a tla tsamaya a fela—dintwa, bokebekwa le ditiro tsa borukutlhi. Wena o akanyang? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re naya kgomotso eno. [Bala Pesalema 37:10, 11.] Makasine ono o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ise a fedise bosula le go boga mo go bakwang ke bosula.”
Tsogang! Oct. 8
“Gompieno go lebega go na le palo e e oketsegang thata ya malapa a motsadi a le nosi. Baebele e bontsha gore Mmopi wa rona o ba utlwela botlhoko. [Bala Pesalema 146:9.] Makasine ono wa Tsogang! o bontsha kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang batsadi ba ba nosi ka teng gore ba godise bana ba bone ka katlego.”
“Gompieno batho ba bantsi ba tshwenyegile ka borukutlhi, go akaretsa dibetsa tsa megare. A o akanya gore dipuso tsa batho di ka kgona go fedisa borukutlhi mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bontsha se Modimo a ikaeletseng go se dira. [Bala Esekiele 34:28.] Makasine ono wa Tsogang! o bua ka dilo tse dingwe tse di amanang le kgang eno.”