Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Dimilione tsa batho di tle di bue mafoko ano a a itsegeng thata fa di rapela. [Bala Mathaio 6:10.] O akanya gore botshelo bo ka bo bo ntse jang fa thato ya Modimo e ka bo e dirwa ka botlalo mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka karolo nngwe le nngwe ya Thapelo ya Morena go akaretsa le karolo e re fetsang go e bala gone jaanong.”
Tora ya Tebelo Oct. 1
“Rotlhe re eletsa go bona bokebekwa, thubakanyo le ntwa di khutlisitswe. A o akanya gore re tla tsamaya re bona mafoko ano a diragadiwa? [Bala Pesalema 37:11. Morago ga moo o mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla kafa tsholofetso eno e amanang ka gone le maikaelelo a Modimo a neng a na le one kwa tshimologong ka batho le kafa re ka nnang le seabe mo go one ka gone.”
Tsogang! Oct. 8
“Batho ba le bantsi ba amegile thata ka bothata jo bo golang mo basheng—go nwa bobe. A o setse o kile wa utlwa ka gone? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Diane 20:1.] Go nwa bobe go ka dira gore basha ba tlhagelwe ke dikotsi tse dintsi. Setlhogo seno se na le tshedimosetso e e ka ba thusang go gana tlhotlheletso ya go nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang.”
“A ga go utlwise botlhoko gore ngwaga le ngwaga basha ba le dimilione milione ba ba sa nyalwang ba a ima? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa dikgato tse ba ka di tsayang gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tsa go nna bommè ba sa ntse ba le basha. Gape o tlhalosa kafa batsadi ba ka thusang bana ba bone ka gone gore ba se ka ba wela mo bothateng jono.” Bala 2 Timotheo 3:15.