Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Nka rata go utlwa maikutlo a gago ka se temana eno e se bolelang. [Bala Duteronome 32:4.] A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kana kana le boikepo mo lefatsheng fa e le gore Modimo o maatla otlhe e bile o siame? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo Modimo a letleletse boikepo go tswelela go fitlha mo motlheng wa rona.”
Tsogang Sept.
“Bontsi jwa rona re eletsa go nna le botsogo jo bo molemo le go tshela lobaka lo loleele. A o akanya gore go nna le boikutlo jo bo siameng go ka tokafatsa botsogo jwa rona? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Diane 17:22.] Setlhogo seno se tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa go nna le tsholofelo mo botshelong.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 26.
Tora ya Tebelo Oct. 1
“A o kile wa re, ‘Ke eletsa e kete nkabo ke dirile dilo ka tsela e sele!’? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore temana eno ya re lebaka la go bo rotlhe ka dinako dingwe re dira ditshwetso dingwe tse kwa morago re di ikwatlhaelang ke lefe. [Bala Jeremia 10:23.] Makasine ono o tlhalosa kafa kgakololo e e molemo e e mo Baebeleng e re thusang ka gone go dira ditshwetso tse di molemo.”
Tsogang Oct.
“A o akanya gore gompieno bana ba mo kotsing thata go feta mo nakong e e fetileng? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba akanya gore re tshela mo motlheng o o tlhalosiwang mono. [Bala 2 Timotheo 3:1-5.] Makasine ono o ntsha dikakantsho dingwe tse di molemo tsa kafa batsadi ba ka sireletsang bana ba bone ka gone mo bathong ba ba tlhakanelang dikobo le bana.”