Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Mo lefatsheng la gompieno, batho bangwe ba ikutlwa ba le mo lenyalong le le se nang lorato. Batho ba ba mo boemong joo ba ka batla kae thuso? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e a re tlhomamisetsa gore melaometheo ya Modimo e ka re thusa. [Bala Isaia 48:17, 18.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka nonotshang lenyalo.”
Tora ya Tebelo Oct. 1
“A o kile wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o lorato e bile o na le maatla, ke ka ntlha yang fa a sa thuse batho ba ba sotlegang?’ [Mo letle gore a arabe.] O tlile go fedisa mathata otlhe mo bogautshwaneng. [Bala Isaia 65:17.] Gone jaanong jaana, ga se gore Modimo ga a kgathalele go re bona re sotlega, jaaka fa makasine ono o bontsha.”
Tsogang! Oct. 8
“Re gakgamadiwa ke go itse gore diphologolo di kgona go buisana. A mme o ne o itse gore rona re farologana le tsone ka ditsela dingwe tse di tlhomologileng? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Pesalema 65:2.] Go farologana le diphologolo, rona re eletsa go buisana le Modimo. Makasine ono o tlotla ka tsela e re ka ipelelang go tlotla le batho le Modimo ka yone.”
“A o utlwile gore balemirui ba le bantsi ba nna le mathata a go lema gore ba kgone go itlamela? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka bothata jono mmogo le ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya dinako tse di botoka tse di tlang. [Bala Pesalema 72:16.] Fa ke boa, ke tla rata go go tlhalosetsa gore Modimo o tlile go diragatsa jang tsholofetso eo.”