Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
Umaka kgang nngwe ya bosheng e e amang batho. Morago ga moo, botsa jaana: “A o akanya gore temana eno ya Baebele e tlhalosa sentle nako e re tshelang mo go yone? [Bala 2 Timotheo 3:1, mme o mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se sekaseka bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo e bile se bontsha se re tshwanetseng go se dira.”
Tsogang! Sept.
“Batho ba le bantsi ba dumela gore re bopilwe. Ba bangwe ba dumela gore re itlhagetse fela. Wena wa reng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kakantsho eno e e ka re thusang go dira tshwetso e e siameng. [Bala Jobe 12:7, 8.] Makasine ono o o kgethegileng wa Tsogang! o tlotla se re ka ithutang sone mo tseleng e e botlhale le e dilo tsa tlholego di tlhamilweng ka yone.”
Tora ya Tebelo Oct. 1
“Baithutaditshedi ba leka go fedisa malwetse le go oketsa boleele jwa botshelo jwa rona. A o akanya gore kgabagare go tla kgonega gore re tshelele ruri? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko lebaka la go bo re eletsa go tshela lobaka lo loleele. [Bala Moreri 3:11.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo Modimo a re bopile re na le keletso ya go tshelela ruri.”
Tsogang! Oct.
“Mo e ka nnang mongwe le mongwe o itumelela go lebelela thelebishene. Mme gone a o akanya gore re tshwanetse go tlhopha se re se lebelelang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Diane 13:20.] Makasine ono o tlhalosa kafa thelebishene e re tlhotlheletsang ka gone, mme o re neela dikakantsho tsa kafa re ka laolang ka gone tsela e re e lebelelang ka yone.”