Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tsogang! Nov. 8
“O tshwanetse wa bo o itse gore AIDS ke bolwetse jo bo setlhogo jo bo aparetseng lefatshe lotlhe. A o ne o itse gore morago jaana naga ya Afrika Borwa ke yone e e amilweng thata ke bothata jono? Ke rata go go bolelela tsela e Modimo a tlileng go rarabolola bothata jono ka yone. [Bala Tshenolo 21:4, 5] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka bolwetse jono jwa AIDS le se Modimo a tlileng go se dira go fedisa bolwetse jono le malwetse a mangwe le mathata otlhe mo lefatsheng.”
Tora ya Tebelo Nov. 15
“Batho bangwe ba ipotsa gore a re tlhoka dikereke le ditempele go obamela Modimo mo go tsone. Wena o bona jang? [Mo letle go araba.] Ela tlhoko se Baebele e se buang ka kgang eno. [Bala Dit. 17:24.] Mme gone tiro ya mafelo a kobamelo e tshwanetse go nna eng? Makasine ono o araba potso eno ka karabo e e tswang mo Dikwalong.”
Tora ya Tebelo Dec. 1
“Gompieno batho ba le bantsi ba faraferwe ke mathata a tsa madi. Go ntse jalo le ka dikereke, mme e bile di le dintsi di ikuela gore di thusiwe ka matlole. O ikutlwa jang ka seo? [Mo letle go araba. Go tswa foo bala 1 Bathesalonika 2:9.] Tora ya Tebelo e tlhalosa se Baebele e se buang ka kgang eno.”
Tsogang! Dec. 8
“Ka ntlha ya matshosetsi a borukhutlhi batho ba le bantsi ba ipotsa gore a go tsaya loeto ka sefofane go babalesegile. Wena o ikutlwa jang ka seno? [Mo letle go araba.] Baebele e a dumela gore rotlhe re ka lebelela go tlhagelwa ke ditiragalo tse di sa lebelelwang. [Bala Moreri 9:11.] Le fa go ntse jalo, makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa dilo tse o ka di dirang gore o babalesege le go itumelela go tsaya loeto ka sefofane.”