LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/06 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 11/06 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Nov. 15

“E re ka go na le boferefere jo bo kana kana mo lefatsheng, batho bangwe ba ipotsa go re, ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go leka ka natla go dira se se siameng?’ A o kile wa ikutlwa jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko mafoko ano a a kgothatsang. [Bala Diane 2:21, 22.] Makasine ono o tlhalosa lebaka le le botlhokwa la go nna motho yo o siameng.”

Tsogang! Nov.

“Batho bangwe ba akanya gore Modimo ke ene yo o dirang gore sengwe le sengwe se direge. Fa go nna le masetlapelo, ba re Modimo o tshwanetse a bo a na le lebaka le le utlwalang la go bo a dira gore a nne gone. Wena o akanya jang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Jakobe 1:13.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e reng ke sone se se dirang gore batho ba boge le se Modimo a se dirang go e fedisa.”

Tora ya Tebelo Dec. 1

“A o akanya gore boporofeti jono jwa Baebele bo a diragala gompieno? [Bala Mathaio 24:11. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dithuto dingwe tse di tlwaelegileng. Gape o bontsha kafa re ka tilang ka gone go tsiediwa ke barutisi ba maaka.”

Tsogang! Dec.

“Ke mang yo o neng o ka re ke monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba tsaya Jesu e le monna yo mogolo go gaisa. Ela tlhoko gore o tla dira eng mo lefatsheng fa e le Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. [Mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng ya 8-9, o bo o bala nngwe ya ditemana tse di umakilweng.] Makasine ono o tlhalosa kafa Jesu a tla dirang seno ka gone le gore o tla se dira leng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela