Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Nov. 1
“A o akanya gore fa banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba dirisa kgakololo eno ya Baebele, go tla nonotsha kamano ya lenyalo? [Bala Jobe 31:1. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka thusang banyalani go boloka kgolagano ya bone ya lenyalo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 18.
Tsogang! Nov.
“Batho ba le bantsi ba dumela gore ditshedi tse di mo lewatleng di fedisiwa ka tsela e e tshosang. A o akanya gore mebuso ya batho e ka kgona go atlega go rarabolola bothata jono? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Mathaio 6:10.] Setlhogo seno se sekaseka mangwe a mabaka a go bo re tshwanetse go tshwenyega ka bothata jono mme e bile se gatelela tharabololo ya Modimo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 20.
Tora ya Tebelo Dec. 1
“Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka Jesu. O ka re Jesu o nnile le tlhotlheletso e e ntseng jang mo go wena? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re kgothaletsa gore re latele sekao sa ga Jesu. [Bala 1 Petere 2:21.] Fa re ka dira jalo go tla re dira batho ba ba botoka le ba ba itumetseng le go feta. Makasine ono o tlhalosa lebaka la seo.”
Tsogang! Dec.
“Batho ga ba bolo go ipotsa potso eno ka makgolokgolo a dingwaga. [Mmontshe potso e e kafa ntle ga makasine.] O akanya gore re ka bona kae karabo e e ka re thusang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang fa re ka ikaega ka Modimo gore a re arabe. [Bala Pesalema 100:3.] Makasine ono o bontsha gore Baebele ya reng ka kgang eno.”