LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/05 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 11/05 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Nov. 15

“Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa e kete mathata a batho a nna a ntse a oketsega, a sa fokotsege. Temana eno e tlhalosa gore lebaka e ka tswa e le lefe. A o ka rata go utlwa gore ya reng? [Bala Tshenolo 12:9. Morago ga moo mo kope gore a tlhalose gore o akanyang ka se e se buang.] Makasine ono o tlotla ka maano a Diabolo a a dirisang a go tsietsa batho le gore re ka emelana jang le tlhotlheletso ya gagwe.”

Tora ya Tebelo Dec. 1

“Fa batho ba utlwa lefoko ‘Aramagedona,’ ba le bantsi ba akanya ka go bolawa ga batho ba bantsi ka nako e le nngwe fela. [Mmontshe lebokoso mo tsebeng ya 3.] Mme a o ne o itse gore tota Aramagedona ke sengwe sa dilo tse di molemo thata se se ka re diragalelang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa lebaka.” Bala 2 Petere 3:13.

Tsogang! Dec. 8

“Le mororo lefatshe le na le dijo tse di lekaneng go ka fepa batho botlhe ba ba mo go lone, batho ba ka nna dimilione di le 800 ba bolawa ke tlala. A seo ga se hutsafatse? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka bothata jo bo ntseng bo gola jwa go fepa batho ba le bantsi ba ba nnang mo ditoropong. Gape o tlotla ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya lefatshe le le se nang tlala.” Bala Pesalema 72:16a.

“Ke ne ke ratile go go bolelela ka nako ya fa mongwe le mongwe a tla bo a na le lefelo le le siameng la bonno. A ga go hutsafatse go bona gore go na le batho ba le bantsi thata ba ba se nang magae? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala Isaia 65:21, 22.] Makasine ono o tlotla ka dilo tse di dirang gore batho ba tlhoke magae. Gape, o a tlhalosa gore Modimo o tla diragatsa jang tsholofetso e re sa tswang go bala ka yone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela