LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/04 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 11/04 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Nov. 15

“Batho ba le bantsi ba eletsa go nna le botsogo jo bo molemo le go tshela lobaka lo loleele. Mme gone, fa go ne go kgonega, a o ne o ka rata go tshelela ruri? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala Johane 17:3.] Makasine ono o tlotla ka tsholofetso ya Baebele ya botshelo jo bo sa khutleng. Gape e tlhalosa gore botshelo bo tla nna jang fa tsholofetso eo e diragadiwa.”

Tora ya Tebelo Dec. 1

“Nonofo e le nngwe e e dirang gore batho ba se ka ba tshwana le diphologolo ke bokgoni jwa bone jwa go farologanya se se molemo le se se bosula. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba dira dilo tse di bosula. O akanya gore ke eng fa ba dira jalo? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Jeremia 17:9 kana Tshenolo 12:9.] Makasine ono o tlotla ka se se ka re thusang go itse le go dira se se siameng.”

Tsogang! Dec. 8

“Mo dingwageng tse 20 tse di sa tswang go feta, go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo ya go tlhaloganya le go alafa bolwetse jwa AIDS. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba ise ba nne le tshedimosetso e e siameng. [Mmontshe lebokoso le le reng “Dikgopolo Tse di Phoso Malebana le AIDS,” o bo o mo letla gore a akgele.] Makasine ono o tlotla ka tsela e batsadi ba ka sireletsang bana ba bone ka yone.” Bala Duteronome 6:6, 7.

“Dikgatelopele mo go tsa botegeniki ga di a fetola tsela e ka yone batho ka tlholego fela ba tlhokang ditsala. A mme gone o lemogile gore diphetogo tsa loago di dirile gore gompieno go nne thata gore batho ba nne ditsala tse di atamalaneng? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Diane 18:24.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka itirelang ditsala tsa mmatota ka gone le go di boloka.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela