Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Nov. 15
“Rotlhe re batla go tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. A o dumalana le se Jesu a se buileng fano kaga tsela ya go bona boitumelo? [Bala Mathaio 5:3. Mme o mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa ka moo go kgotsofatsa keletso ya rona ya go batla go obamela Modimo go dirang gore re nne le kgotsofalo ka teng mo botshelong.”
Tsogang! Nov.
“Mo motlheng ono wa saense le o go tletseng dipelaelo mo go one, batho ba le bantsi ba akanya gore Baebele e siilwe ke nako. Wena o akanya eng ka seo? [Mo letle gore a arabe.] A o ne o itse gore kgang nngwe le nngwe e Baebele e e buang ka saense e boammaaruri? [Bala Jobe 26:7.] Makasine ono o o kgethegileng wa Tsogang! o re naya mabaka a a utlwalang a go ikanya Baebele.”
Tora ya Tebelo Dec. 1
“O ne o ka araba jang potso eno? [Bala potso e e mo khabareng ya makasine. Mme o mo letle gore a arabe.] Ke boikaelelo jwa Modimo go dira gore batho botlhe ba nne le kutlwano. [Bala Pesalema 46:8, 9.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se buang kaga tsela e batho ba tla bonang kutlwano ka yone.”
Tsogang! Dec.
“Bangwe ba akanya gore loso ke tsela e e isang kwa botshelong jo bongwe; bangwe ba dumela gore ke bokhutlo. A wena o akanya gore loso ke sengwe se re tshwanetseng go se boifa? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Jobe a neng a ikutlwa ka teng ka kgang ya gore o ne a tlile go swa. [Bala Jobe 14:14, 15.] Makasine ono o tlhalosa tsela e e utlwalang sentle ya kafa Baebele e tlhalosang ka teng se se diregang fa re swa.”