LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/03 ts. 5
  • Thuso ka Nako e e Tshwanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso ka Nako e e Tshwanetseng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O se Ka wa Lebala Batho ba ba Tsidifetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • “Boelang mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 2/03 ts. 5

Thuso ka Nako e e Tshwanetseng

1 Fa moaposetoloi Petere a ne a bona go tlhokega gore a nonotshe badumedimmogo, o ne a tlhotlheletsega go ba neela kgakololo e e lorato le go ba kgothatsa ka go bo a ne a amega ka bone. (2 Pet. 1:12, 13; 3:1) O ne a kopa “ba ba amogetseng tumelo” go tswelelapele ba godisa dinonofo tsa bone tsa semoya gore ba se ka ba “nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebana le kitso e e boammaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Pet. 1:1, 5-8) Boikaelelo jwa ga Petere e ne e le go ba thusa gore ba tlhomamisege ka go bidiwa ga bone le go tlhophiwa ga bone ke Jehofa gore ba tle ba ‘fitlhelwe ba se na selabe ba se na molato e bile ba le mo kagisong.’ (2 Pet. 1:10, 11; 3:14) Mo badumeding ba le bantsi, kgothatso ya gagwe e ne ya itshupa e le thuso ka nako e e tshwanetseng.

2 Balebedi ba Bakeresete gompieno le bone ba amega ka tsela e e tshwanang ka batho ba Modimo. Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba tshwanetse go itshokela maemo a a boima. (2 Tim. 3:1) Ka ntlha ya mathata a a tswelelang pele a itsholelo, a lelapa kgotsa a mangwe, bangwe ba ka nna ba ikutlwa jaaka Dafide: “Ke ne ka dikanyediwa ke masetlapelo go fitlha a sa kgone go balwa. Ditlolo tsa me tse di oketsegileng di ne tsa nkwela ka tshoganyetso go feta ka mo ke neng nka di bona ka teng; di ne tsa nna dintsi go feta meriri ya tlhogo ya me, mme pelo ya me e ne ya ntlogela.” (Pes. 40:12) Mathata ano a ka nna magolo mo eleng gore batho bano ba ka tlhokomologa maikarabelo a a botlhokwa a semoya mme ba tlogela go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Le fa gone ba na le mathata ano, ‘ga ba a lebala ditaelo tsa ga Jehofa.’ (Pes. 119:176) Gone jaanong ke nako e e tshwanetseng ya gore bagolwane ba thuse batho ba ba ntseng jalo.—Isa. 32:1, 2.

3 Bagolwane ba kgothalediwa gore ba dire maiteko a a kgethegileng go thusa ba gone jaanong ba sa nneng le seabe mo tirong ya go rera gore ba kgone go dira jalo. Maiteko ano a magolo a go fitlhelela seno a tla simolola mo kgweding e e latelang mme a tswelele go fitlha mo kgweding ya May. Balebedi ba thuto ya buka ba kopiwa gore ba etele ba ba tsidifetseng gore ba ba thuse semoyeng ka boikaelelo jwa gore ba simolole gape tiro ya bone le phuthego. Go ka nna ga rulaganyediwa thuto ya Baebele mo go tlhokegang teng. Baboledi ba bangwe ba ka kopiwa go thusa. Fa o kopiwa go dira jalo, maiteko a gago a ka nna mosola thata segolobogolo fa o kgothatsa ka tsela e e bonolo le e e bontshang go akanyetsa.

4 Go na le lebaka la go bo botlhe ba tshwanetse go itumela fa mongwe a simolola gape tirelo ya gagwe le phuthego. (Luke 15:6) Maiteko a rona a go kgothatsa ba ba tsidifetseng ruri e ka nna “lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng.”—Dia. 25:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela