LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/03 ts. 8
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 5/03 ts. 8

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tora ya Tebelo May 15

“Letsatsi le letsatsi re utlwela ka dipego tsa thubakanyo. A o akanya gore dilo tse di tshwanang le tseno di kile tsa bo di le gone pele? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng. [Bala Mathaio 24:37.] Metlha ya ga Noa e ne e le maswe mo e leng gore Modimo o ne a ba nyeletsa botlhe ga sala fela Noa le lelapa la gagwe. Makasine ono o bontsha kafa ditiragalo tseo di nang le bokao ka teng mo go rona gompieno.”

Tora ya Tebelo June 1

“Dipego tse di bontshang kafa madi a a filweng e le dimpho a sa dirisiweng sentle ka teng di dirile gore bangwe ba ipotse gore a go botlhale go thusa mekgatlho e e abang dimpho ka go e fa madi. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba tlhokang. O akanya gore go ka dirwang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Bahebera 13:16.] Makasine ono o tlhalosa gore ke mofuta ofe wa go aba o o itumedisang Modimo.”

Tsogang! June 8

“Gompieno, malwetse a a rwalwang ke ditshenekegi ke sengwe sa dilo tse di bayang boitekanelo jwa rona mo kotsing. A o ne o itse gore go na le se re ka se dirang go itshireletsa? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dilo tseno, o bo o re bolelele le ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le malwetse.” Konela ka go bala Isaia 33:24.

“Go bonala e kete batho gompieno ga ba tlhole ba leba boitshwaro jo bontle le maitseo di le botlhokwa jaaka ba ne ba dira mo dingwageng tse di fetileng. A wena ga o bone jalo? [Mo letle gore a arabe.] Sengwe se se kgatlhang ke gore Baebele e boleletse pele jaana. [Bala 2 Timotheo 3:1-5.] Makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa batho ba fetola tsela e ba lebang mekgwa e mentle ka yone le gore go tlile go diregang mo isagweng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela