Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Oct. 15
“Ditshwetso di le dintsi tse re tshwanelwang ke go di dira di na le ditlamorago tse di nnelang ruri mo matshelong a rona. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dira ditshwetso tse di sa siamang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale Diane 3:6.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o na le dintlha di le tlhano tse di kaelang tse di theilweng mo Baebeleng tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng.”
Tora ya Tebelo Nov. 1
“Mongwe le mongwe wa rona o kile a swabisiwa ke mongwe yo a neng a mo ikantse. A o kile wa ipotsa jaana, ‘A go na le mongwe yo nka mo ikanyang?’ [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Diane 3:5.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo re ka ikanya Modimo ka botlalo. Gape o tlhalosa kafa re ka tlhophang ka teng batho ba re ka ba ikanyang.”
Tsogang! Nov. 8
“A o lemogile gore mo malatsing ano re setse re utlwa thata ka megare e e palelang kalafi? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa mabaka a go bo go ntse jalo e bile o naya dikakantsho tsa gore re ka dirang go itshireletsa. Gape o tlhalosa tsholofetso e e mo Baebeleng ya lefatshe le mo go lone go tla bong go se na ope yo o lwalang.” Bala Isaia 33:24.
“Dilo tse di dirilweng ka lookwane di ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. A o kile wa ipotsa gore botshelo bo ka bo bo ntse jang fa di ka bo di seyo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa kafa go tlileng ka teng gore oli e nne selo sa botlhokwa thata jaana mo setšhabeng sa gompieno. Gape e tlhalosa lebaka la go bo re sa tshwanela go boifa gore letsatsi lengwe oli e tla bo e fedile.”