Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Oct. 15
“Batho ba le bantsi ba leba go rutega e le gone go dirang gore motho a atlege mo botshelong. A o akanya gore go na le mofuta ope wa thuto o o ka thusang motho go nna motho yo o botoka le gore a kgone mathata a botshelo? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Baroma 12:2.] Makasine ono o bontsha kafa thuto e e molemo go di gaisa tsotlhe e ka re solegelang molemo ka gone.”
Tora ya Tebelo Nov. 1
“Batho ba le bantsi ba tshwenngwa ke go bo go se na tshiamo mo lefatsheng. A o akanya gore tota go na le motho ope yo o ka fetolang lefatshe? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o bontsha gore ke mathata afe a a tlileng go fedisiwa. Gape o bontsha gore ke mang yo o tlileng go a fedisa le gore o tla tlisa jang lefatshe le le nang le kagiso ya boammaaruri le polokesego.” Bala Pesalema 72:12-14.
Tsogang! Nov. 8
“Batho ba le bantsi ba rata go bala makwalodikgang mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. A o akanya gore re ka ikanya tshedimosetso e re e newang ke makwalodikgang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o re naya dikakantsho tsa kafa go bala lekwalodikgang go ka re solegelang molemo ka gone. O bontsha gape gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re le bala.” Bala Diane 14:15.
“Mo lefatsheng lotlhe, go na le batho ba ba humileng thata le ba ba humanegileng thata. A o akanya gore go na le sengwe se se ka dirwang gore batho botlhe ba lekane ka maemo? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala Mathaio 6:9, 10.] Makasine ono o bontsha lebaka la go bo re ka nna le tsholofelo ya gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa bothata jwa go sa lekaneng ga batho ka maemo.”