LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/02 ts. 12
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 10/02 ts. 12

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tora ya Tebelo Oct. 15

“O ka tlhalosetsa jang bana kgotsa batho ba bangwe lebaka la go bo go direga dilo di le dintsi tse di bosula gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e araba potso e e reng ‘Ke Mang yo o Bakang Bosula Jotlhe?’ [Bala 1 Johane 5:19.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tla go thusa go lemoga gore ke mang motho yono yo o bosula le gore re ka mo ganela jang.”

Tora ya Tebelo Nov. 1

“Ba le bantsi ba rona re leka go nna le kagiso le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o tla dumela gore gantsi go thata gore go nne jalo. [Mo letle gore a arabe.] Baebele e tlhalosa lebaka la go bo go le jalo. [Bala Jakobe 3:2.] Makasine ono o bontsha ka fa go kopa maitshwarelo go ka dirang gore go boele go nne le kagiso gape.”

Tsogang! Nov. 8

“A o akanya gore dithapelo tsa baeteledipele ba bodumedi kgotsa tsa mongwe fela di ka tlisa kagiso mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e solofetsa nako e ka yone go tla bong go na le kagiso lefatshe ka bophara. [Bala Isaia 9:6, 7.] A o lemogile gore mmusi yo o kgethegileng o tla tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe? Makasine ono wa Tsogang! o bontsha gore mmusi yono ke mang le kafa a tla tlisang ka gone kagiso ya mmatota.”

“Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore go tla tla nako e ka yone go ka se kang ga nna le motho yo o tla reng ‘ke a bobola.’ [Bala Isaia 33:24.] A seo ga se kitla se itumedisa? [Mo letle gore a arabe.] Le fa go ntse jalo, batho ba tlhasetswe ke malwetse a le mantsi, a a akaretsang leroborobo la AIDS. Makasine ono wa Tsogang! o araba potso e e reng, A AIDS e Tla Tsamaya e Fedisiwa?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela