LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/07 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 10/07 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Oct. 15

“Batho ba le bantsi ba akanya gore isagwe ga e a tlhomama le gore go botoka gore re tshelele gompieno fela. Wena o akanya jang? [Mo letle gore a arabe.] Jesu o ne a akgela jaana ka tsela e e kgatlhang. [Bala Mathaio 6:34.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka rulaganyetsang isagwe ka gone mme gape re tile go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka yone.”

Tsogang! Oct.

“Rotlhe re swetswe ke batho ba re ba ratang. A o akanya gore ba re lebile go tswa kwa legodimong? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Jesu o ne a reng fa Lasaro a sena go swa. [Bala Johane 11:11.] Setlhogo seno se tlhalosa gore a baswi ba a tshela golo gongwe kgotsa a ba robetse ba letile go tsosiwa mo losong.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.

Tora ya Tebelo Nov. 1

“A o akanya gore lefatshe le ka bo le le botoka fa batho ba ne ba bontsha boikokobetso? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Jesu a neng a se bua ka boikokobetso. [Bala Mathaio 23:12.] Setlhogo seno se tlotla ka botlhokwa jwa go lwela go nna boikokobetso, le e leng mo lefatsheng leno le le tletseng moya wa kgaisano.”

Tsogang! Nov.

“Mo nakong e e fetileng, gantsi batho ba ne ba leba mo Baebeleng gore e ba kaele. Mme gone jaanong batho ba le bantsi ba re ba na le dipelaelo. Wena o ikutlwa jang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala 2 Timotheo 3:16.] Kgatiso eno e e kgethegileng ya Tsogang! e re naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela