LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/06 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 10/06 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Oct. 15

“E re ka Modimo a le kwa legodimong, bangwe ba akanya gore ga go kgonege gore re ka mo itse. A o kile wa ikutlwa ka tsela eo? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Johane 17:3.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka nnang le kitso ya Modimo ka gone.”

Tsogang! Oct.

“Bontsi jwa rona re swetswe ke batho ba re ba ratang. A o akanya gore go na le dilo tse re ka di dirang go ba thusa fa ba se na go swa? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o na le karabo e e tswang mo Baebeleng ya potso eo. Gape o tlotla ka tsholofetso eno e e gomotsang.” Bala Johane 5:28, 29. Morago ga moo buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tora ya Tebelo Nov. 1

“Go na le dikgopolo di le dintsi tse di ganetsanang ka kgang ya go godisa bana gompieno. A o akanya gore go a kgonega gore batsadi ba bone kgakololo e e ikanyegang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Pesalema 32:8.] Makasine ono o na le tshedimosetso e e molemo e e tswang mo Baebeleng ka kgang ya go godisa bana.”

Tsogang! Nov.

“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kana kana fa e le gore go na le Modimo yo o lorato, yo o siameng le yo o maatla? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore temana eno ya re lebaka la go bo batho ba boga ke lefe. [Bala 1 Johane 5:19.] Makasine ono o tlhalosa go tswa mo Baebeleng se Modimo a tla se dirang go fedisa pogo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela