LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/04 ts. 4
  • Kafa Re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 3/04 ts. 4

Kafa Re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Mar. 15

“Re rata go go laletsa gore o nne gone fa re keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Sontaga, April 4. [Tlhalosa o dirisa khabara e e kwa morago ya makasine kgotsa pampitshana ya taletso ya Segopotso. Morago ga moo bala Luke 22:19.] Ditlhogo tse di simololang tsa makasine ono wa Tora ya Tebelo di sekaseka bokao jwa tiragalo eno le kafa e ketekwang ka gone.”

Tora ya Tebelo Apr. 1

“Se Baebele e se buang ka letshwao la sebatana se dirile gore batho ba le bantsi ba ipotse dipotso di le dintsi ba bo ba sale ba tlhakane tlhogo tota. A o setse o kile wa utlwela ka letshwao leno? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Tshenolo 13:16-18.] Baebele ka boyone e re naya dilotlolo tse di re thusang go bona bokao jwa masaitseweng ano. Makasine ono o tlhalosa gore dilotlolo tseno ke eng.”

Tsogang! Apr. 8

Fa o sena go umaka tiragalo nngwe ya masetlapelo e batho ba sa ntseng ba e gakologelwa, botsa jaana: “A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse dilo tse di ntseng jalo go direga? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo, bala Jakobe 1:13.] Setlhogo seno, se segolobogolo se kwaletsweng basha, se tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Mmopi wa rona yo o lorato a ise a tseye kgato ya go fedisa go boga ga batho.”

“Batho ba le bantsi ba tlwaelane le pego ya botshelo jwa ga Moshe. A mme gone o ne o itse gore Moshe o ne a bua sengwe se se amang matshelo a rona gompieno? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Duteronome 18:15.] Makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa gore moporofeti yoo yo go boleletsweng pele ka ene ke mang le gore ke eng se a tlileng go se direla batho.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela