Go Neela Bosupi Kwantle ga Mafoko
1 Popo ya ga Jehofa e e bonalang e bolela go le gontsi ka dinonofo tsa gagwe tse di sa bonaleng, e dira jalo kwantle ga go bua lefoko lepe. (Pes. 19:1-3; Bar. 1:20) Ka tsela e e tshwanang, boitshwaro jwa rona jo bontle, dinonofo tsa rona tsa Bokeresete le tsela e re ipaakanyang sentle mo mmeleng ka yone e neela bosupi kwantle ga lefoko. (1 Pet. 2:12; 3:1-4) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go batla go “[kgabisa] thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe” ka tsela e re itshwarang ka yone.—Tito 2:10.
2 Batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona jang go dira gore dithuto tsa Baebele di ngoke batho? Ba ka dira jalo fa ba kaelwa ke Lefoko la Modimo le ke maatla a moya o o boitshepo. (Pes. 119:105; 143:10) Lefoko la Modimo “le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi.” (Baheb. 4:12) Le tsenelela kwa teng mo go rona e bile le kgona go dira gore re apare botho jo bosha. (Bakol. 3:9, 10) Moya o o boitshepo o dira gore re nne le dinonofo tse di rategang, tse di tshwanang le bopelonomi, molemo, boingotlo le boikgapo. (Bagal. 5:22, 23) A rotlhe re dira gore lefoko la Modimo le moya wa gagwe di tlhotlheletse matshelo a rona?—Baef. 4:30; 1 Bathes. 2:13.
3 Ba Bangwe ba re Etse Tlhoko: Batho ba bangwe ba re ela tlhoko fa re leka go tshela ka melao ya ga Jehofa e bile re leka go bontsha dinonofo tsa gagwe. Ka sekai, akanya ka monna mongwe yo o neng a sotliwa ke badiri mmogo le ene ka go bo a ne a le mokhutshwane. Kgaitsadi mongwe yo o neng a bereka mo go yone ofisi eo o ne a tlhola a mo tshwara ka tsela e e nang le seriti le ka tlotlo. Seno se ne sa dira gore monna yono a mmotse gore ke ka ntlha yang fa ene a ne a mo tshwara ka tsela e e farologaneng. Kgaitsadi yono o ne a tlhalosa gore o ne a tshwara batho ba bangwe ka tlotlo ka ntlha ya go bo a dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. O ne a mmolelela le ka tsholofelo e e gakgamatsang ya Bogosi. Monna yono o ne a simolola go ithuta Baebele mme kgabagare a gatela pele a bo a kolobediwa. Fa a ne a boela kwa nageng ya gagabo, ba losika lwa gagwe ba ne ba kgatlhilwe ke boitshwaro jwa gagwe jo bontle, mme bangwe ba bone ba ne ba amogela boammaaruri.
4 Fa re le kwa tirong, kwa sekolong kana fa re dirisana le ba bangwe, boitshwaro jwa rona jo bontle, mmogo le bosupi jo re bo neelang, bo ka dira gore ba bangwe ba galaletse Modimo.—Math. 5:16.