Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Batho mo lefatsheng lotlhe ba kile ba utlwa ka Jesu Keresete. Bangwe ba re e ne e le motho yo o tlhomologileng. Ba bangwe ba a mo obamela ba re ke Modimo Mothatayotlhe. Wena o akanya gore Jesu Keresete e ne e le mang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa sentle gore e ne e le mang, o ne a tswa kae le gore o kae gone jaanong.” Bala Johane 17:3.
Tora ya Tebelo Oct. 1
Bala potso e e kafa ntle. Morago ga moo o bo o botsa o re: “A o a itse gore ke sesupo sa eng seo? [Mo letle gore a arabe. O bo o bala Mathaio 24:3.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka dintlha di le tlhano tsa konokono tsa sesupo seno e bile o tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go se tsaya tsia.” Mmontshe lebokoso le le mo tsebeng ya 6.
Tsogang! Oct. 8
“Batho ba le bantsi ga ba kgone go nna le lefelo le le siameng la bonno. A o akanya gore letsatsi lengwe go tla nna le matlo a a lekanang batho botlhe? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o na le pego ya bosheng e e buang ka mathata a a amanang le go nna le matlo. Gape o bontsha gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore tsholofetso eno ya Modimo e tla diragadiwa.” Bala Isaiah 65:21, 22.
“Go nwa bojalwa go feta selekanyo go baka mathata a le mantsi. Makasine ono o tlotla ka tsela e bojalwa bo senyang mmele wa motho ka yone. [Mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng 7.] Ditlhogo tseno di bontsha kafa batho ba ka tlogelang ka gone go nwa bojalwa go feta selekanyo le gore ba bangwe ba ka ba thusa jang.”