LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 160-ts. 161 ser. 1
  • Jehofa o Gogetse Batho ba le Bantsi mo Boammaaruring

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Gogetse Batho ba le Bantsi mo Boammaaruring
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molatolamodimo e Nna Motlhanka wa Modimo
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • O Golafetse Mme o Tlhagafaletse go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke Bone fa Jehofa a le Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke ne Ka Bona “yo Mmotlana” a Nna “Morafe o o Thata”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 160-ts. 161 ser. 1

DOMINICAN REPUBLIC

Jehofa o Gogetse Batho ba le Bantsi mo Boammaaruring

Leonardo Amor

  • O TSHOTSWE KA 1943

  • O KOLOBEDITSWE KA 1961

  • DINTLHA KA GA GAGWE O ithutile boammaaruri a sa ntse a le mosha mme o na le dingwaga di feta 50 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Setshwantsho mo go tsebe 160

KE NE ka kolobediwa ka 1961 fa ke sa ntse ke ithuta molao kwa yunibesithing. E ne e ka nna kgwedi fela morago ga loso lwa ga Trujillo. Rre o ne a batla gore ke tsenelele mo go tsa molao mme ke ne ka lemoga gore thuto ya Modimo e botoka go feta thutego ya lefatshe. Ka jalo, ke ne ka tlogela yunibesithi le fa rre a ne a mpateletsa go se e tlogele. Go ise go ye kae, ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng.

Ke ne ka romelwa kwa La Vega e leng lefelo le le sa bolong go tlala ka Bakatoliki. Fa ke ntse ke direla koo, ga go na ope yo o neng a amogela boammaaruri. Dipuo tsa me tsa phatlalatsa di ne di reediwa fela ke mmulatsela yo ke neng ke bereka le ene. Le fa go ntse jalo, go ithuta ke le nosi, go ya dikopanong le go bulela Jehofa mafatlha ka thapelo go ne go dira gore ke nne ke nonofile mo tumelong. Nako nngwe fa ke rapela ke ne ka botsa Jehofa gore a tota go tla nna le phuthego mo La Vega. Ke itumelela gore gompieno go na le Diholo Tsa Bogosi di le thataro, diphuthego di le 14 le baboledi ba Bogosi ba feta 800.

Nna le Ángela re nyalane ka 1965, mme ka 1981 re ne ra ya go direla kwa Bethele. Fa ke kolobediwa, go ne go na le baboledi ba le 681 mo Dominican Republic. Gone jaanong go na le baboledi ba feta 36 000 mme go tla diketekete tsa batho kwa dikopanong. Fa ke akanya ka ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng, ke jesiwa kgakge ke tsela e Jehofa a gogetseng batho ba le bantsi mo boammaaruring ka yone.

Setshwantsho mo go tsebe 161

Komiti ya Lekala, go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Reiner Thompson, Juan Crispín, Thomas Dean, Leonel Peguero, Leonardo Amor le Richard Stoddard

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela