Dirisa Dikgatiso tsa Rona ka Tsela E E Molemo
1 Phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e re neetse dikgatiso tse di farologaneng go re thusa mo tirong ya rona ya go rera le ya go ruta. (Math. 28:19, 20) Tsela eo re anaanelang dikgatiso tsa Mokgatlho ka yone e re tlhotlheletsa gore re di dirise ka tsela e e molemo mo bodiheding jwa rona.
2 Fa re diragatsa bodihedi jwa rona, re batla go thusa batho ba sekadinku gore ba tsene mo tseleng e e yang botshelong. Dibuka di ka re thusa gore re dire jalo. Fa re tlotla ka Dikwalo le motho mongwe yo o kgatlhegang, re ka nna ra fitlhela gore o kgatlhwa ke setlhogo sengwe se se rileng. Fa re tlwaelane sentle le tshedimosetso e e molemo e e leng mo dikgatisong tse di farologaneng, re tla kgona go fetola motlotlo wa rona mme re neele kgatiso e e leng malebana le selo seo motho yo re buang le ene a se batlang. Seno se ka nna sa batla gore re dire loeto lwa go boela re tshotse buka e e tshwanetseng.
NEELA SE SE TLHOKEGANG
3 Fa re bereka tshimo ya rona ka botlalo, re tla bona batho ba ba kgatlhegelang Bibela eletota e bile ba batla go ithuta go go oketsegileng ka yone. Epe fela ya dikgatiso tsa rona e ka ba thusa gore ba tlhaloganye Bibela. Mme fa re bua le motho yo o sa dumeleng mo Bibeleng e bile a dumela gore e a ikganetsa kana ga e dumalane le saense, go ka nna ga bo go tshwanela go mo neela Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Buka eo e ganetsa tsela eo motho a tshwayang Bibela diphoso ka yone mme e tlhalosa ka mo go utlwalang gore ke ka ntlha yang fa Bibela e tshwanetse ya amogelwa jaaka Lefoko la Modimo. Kana o ka nna wa neela buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, o dirisa dikgaolo 15 le 16.
4 Batho ba le bantsi ba lebane le mathata mo matshelong a magae a bone. Ba ka nna ba bo ba sa itse kgakololo ya Bibela go le kalokalo kana ba sa itse gore ba ka e dirisa jang. Go ba thusa gore ba lebane le mathata a botshelo mme ba bone ditharabololo tse di kgonang go fitlhelelwa, re ka nna ra ba neela buka ya Botshelo jwa Lelapa. Diphetogo di ka nna tsa se ka tsa diragala ka bofefo ka metlha, mme re ka nna ra bontsha gore eleruri kgakololo ya Bibela e a dira.
5 5 Fa re etela batho bao ba nang le bana, akanya ka go ba neela dikgatiso tse di kwadilweng ka mo go kgethegileng go akantswe ka basha. Gongwe o ka nna wa dirisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Baboledi ba le bantsi ba thusitse batsadi le basha ka go tshwana ka go ba neela Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kana Go Reetsa Morutisi yo Mogolo.
6 Dipampitshana di bonolo go tshwarwa, e bile di ka nna tsa dirisiwa go simolola motlotlo fa re bereka ka ntlo le ntlo mmogo le fa re neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Go Na le Tsholofelo Efe ka Baratiwa Ba Ba Suleng? ke pampitshana e e gomotsang thata, eo e nang le tshedimosetso e e botlhokwa. A o a tle o tseye dipampitshana di sekae tse di farologaneng mo go wena? A o baakantse dikakgelo tseo o ka di dirisang go di tsenyeletsa?
7 Jaaka fa re abela ba bangwe mafoko a a molemo, re batla go dirisa dithusi di le mmalwa tsa go ithuta Bibela tseo re di neetsweng ke ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.’ (Math. 24:45-47) Letlotlo le la dijo tsa semoya le bontsha ka moo Jehofa a leng pelotshweu ka gone le ka moo a amegileng ka gone ka setho.