A bo Go le Molemo Jang ne go Ikgopotsa Dilo Tse Jehofa a di Dirileng!
1 Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Pesalema 48 o ne a tlhotlheletsa batho ba Iseraele gore ba ‘tlalatlale le Siona, ba potologe, ba bale dikago tsa phemelo tsa gona, ba tlhokomele dithako tsa phemelo tsa gona gore ba tle ba di bolelele ditshika tse di tlang.’ Ka ntlha ya go rata Jehofa thata ba ne ba tla kgatlhegela go itse ntlha nngwe le nngwe ka setheo seo sa mo lefatsheng sa puso ya Modimo. A bo dintlha tseo e ne e tla nna tsa botlhokwa jang ne ka gonne motse oo e ne e le o o bidiwang ka leina la ga Jehofa! Ba ne ba tla bua ka lone, mme e bile selo sa botlhokwa ke gore ba ne ba tla dira gore ba bolelele dikokomana tsa bone dilo tsotlhe tse di ileng tsa kgatlha dipelo tsa bone.—Pes. 48:12, 13.
2 Gone jaanong re mo nakong e boremelelo jwa puso ya Modimo ya ga Mesia wa ga Jehofa e sa tlholeng e le mo Siona wa mo lefatsheng mme e leng Jerusalema wa legodimo. (Baheb. 12:22) Bogosi jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete bo ntse bo busa fa e sale go tloga ka 1914. (Tshen. 12:10) Ditiro tsa jone ke selo sa botlhokwa thata mo go rona. E bile gape re kgatlhegela thata tsela e Jehofa a ileng a goga batho ba gagwe ka yone mo lefatsheng e le gore ba dire go rata ga gagwe e le baemedi ba ba bonalang ba Bogosi joo. Buka ya rona e ntšha ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e na le dintlha tse di kgatlhang thata malebang le seno. A bo go ile ga re itumedisa jang ne fa re ne re e amogela kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” ya bosheng!
3 Ka September 1, ke fa buka eno e setse e golotswe ka dipuo di le 20, mme go ne go santse go tshwaraganwe le dithanolo le dikgatiso tsa maleme a mangwe a le 13 gore batho ba ba a buang le bone ba tle ba nne le yone. A lelapa la gago le na le kopi ya yone? A lo a e bala? A lo tlotla ka dilo tse lo di ithutileng mo go yone?
4 Bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi e ne ya re fela fa ba sena go leba ditshwantsho le go bala ditlhaloso tsa yone, jaaka go ile ga akantshiwa kwa kopanong, ba ne ba ya ka bofefo kwa dintlheng tsa konokono tsa yone. Ba ile ba reng ka yone? Dingwe tsa dikakgelo tsa bone ke tse.
5 Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Ke yone fela buka e nkileng ka e amogela mme ke tlhoafaletse go e fetsa gore ke tle ke e bale gape. Gone jaanong ke mo kgaolong ya 25. Fa ke ntse ke e bala dikeledi di itlela fela le pelo ya me e tlhotlheletsega go rata Jehofa go feta. Buka eno e kgothatsa tota e bile e nonotsha tumelo.”
6 Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga tse di fetang 40 a direla Jehofa o ne a re: “Ga ke a ka ka itse gore buka eno e ne e tla nna monate thata jaana. Ke ne ke robala bosigo thata le go tsoga go sale mo mosong thata mme ka e fetsa mo dibekeng tse pedi. Ruriruri ke buka e e amang maikutlo go feta tsotlhe tse nkileng ka di bala. Mo go yone go na le dipatlisiso tse di dirilweng ka botswerere mme gape e kgothatsa ka botswerere.”
7 Thulaganyo ya ka Metlha ya go Bala: Batho bangwe ba ba badileng buka eno yotlhe ba ile ba ikaelela go e boeletsa gape mme jaanong e le ka iketlo.
8 Fa e le gore ga se wena fela yo o leng mo boammaaruring mo lelapeng la gago, o ka nna wa rata go dirisa dikarolo dingwe tsa buka eno mo thutong ya lona ya lelapa. Malapa mangwe a ile a simolola go dira jalo malatsi a sekae fela morago ga go amogela kopi ya bone kwa kopanong. Seno ga se bolele gore dilo tse dingwe, tse di jaaka go ipaakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo, di tshwanetse go tlhaediwa matlho. Go na le moo, o ka nna wa fitlhela go le molemo thata gore o dirise metsotso e mengwe e le 15 kana 20 go bala le go tlotla ka dintlha tse di tswang mo bukeng eno ya Baboledi.
9 Malapa a mangwe a bala ditsebe di le pedi kana tse tharo—gongwe setlhogwana kana tse pedi—maitseboa mangwe le mangwe morago ga dilalelo. Mongwe le mongwe wa bone o ka nna a bo a setse a badile karolo e kgolo ya buka, mme lefa go ntse jalo, ba solegelwa molemo ke go e bala jalo ka iketlo le go tlotla ka dintlha tsa yone. Batho bangwe ba ba dirang jalo ke ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba direla Jehofa. Fa ba ntse ba e bala, ba gopola dilo di le dintsi tse di kileng tsa ba kgatlha. Ba itumela thata fa ba ntse ba tlotla mmogo ka ditiragalo tse ba di balang tse le bone ba nnileng le seabe mo go tsone.
10 Ka ntlha ya maemo a mo lelapeng la gago o ka nna wa iphitlhela o e bala o le mongwe. Kgaitsadi mongwe yo o neng a kwalela Mokgatlho o ne a re: “Ke ntse ke bala buka eno ka iketlo maitseboa mangwe le mangwe pele ga ke ya go robala. Buka eno e ntira gore ke anaanele boammaaruri le go bo rata thata, mme ke ikutlwa ke atamalane le Jehofa mme ke mo leboga thata go bo ke le karolo ya phuthego ya gagwe. Eleruri ke itumelela tsebe nngwe le nngwe ya yone e ke e balang.”
11 Le mororo buka eno e le kgolo thata, dikarolwana tsa yone tse di farologaneng tsone ga di a nna jalo. Karolwana ya yone e e simololang e akaretsa ditiragalo tsa go tloga ka motlha wa ga Abele go fitlha ka tsa ngwaga wa 1992, ka bokhutshwane mme e le ka tsela e e kgatlhang—mo ditsebeng di le 108 fela. Dikarolwana tse dingwe di na le ditsebe tse di tlogang go tse 13 go ya go tse 150. Karolwana nngwe le nngwe mo go tseno e kgaogantswe ka dikgaolo di le mmalwa. Go na le gore o di bale ka lepotlapotla, bala karolwana e le nngwe, kgaolo kana setlhogwana se le sengwe ka nako; itumelele go se bala; mme se go solegele molemo.
12 Iphe Nako O Akanya ka Se O Se Badileng: Boikaelelo jwa gago e tla nna eng fa o ntse o e bala? Maikaelelo a gago ga e a tshwanela go nna go fetisa matlho fela mo ditsebeng tsa yone—o batla fela go e fetsa. Buka eno ya Baboledi e na le pego kaga boswa jwa gago jwa semoya. O tshwanetse go e itse jaaka o ikitse. Iphe nako ya go akanya ka bokao jwa se o se balang. Fa o ntse o boeletsa dilo tse basupi ba bogologolo ba ga Jehofa ba di dirileng, sekaseka kafa o ka etsang tumelo ya bone ka teng. (Baheb. 12:1, 2) Fa o ntse o bala ka botenegi jo bogolo jo bo ileng jwa direga, ela tlhoko thata mamena ao batho ba ba ileng ba tlhanoga ba wetseng mo go one, o dira jalo ka maikaelelo a gore o sireletse bomoya jwa gago. Mme gape fa o ntse o boeletsa hisitori ya rona ya segompieno, ela tlhoko dinonofo tsa semoya tsa batho ba ba ileng ba dirisiwa ke Modimo, kafa ba bontshitseng ka teng gore go dira thato ya Modimo e ne e le selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa bone, le kafa ba ileng ba itebaganya le maemo a a rileng ka teng—mangwe e le a a boima thata—a Modimo o ileng wa a letlelela.—Baheb. 13:7.
13 O tla nonotshiwa tumelo ke fa o bala ditlhaloso tse di bontshang kafa Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe go tlhaloganya ka phepafalo boammaaruri jwa Bibela jo gone jaanong re nang le jone. Tsela e ka yone o anaanelang thulaganyo e e bonalang e Jehofa a e dirisang e tla oketsega le go feta jaaka fa o ntse o ithuta kafa phuthego e ileng ya nna ya tswelela ka gone. Eleruri o tla kgatlhega thata fa o ntse o bala kafa mafoko a a molemo a ileng a fitlha ka teng kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe, e le fa go diragadiwa boperofeti. Pelo ya gago e tla itumedisiwa ke maitemogelo a batho ba ba ikanyegang go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba ba ileng ba bolela kaga Bogosi ka tlhagafalo. O tla nonotshiwa gore o kgone go itepatepanya le diteko tsa gago ka namana fa o ntse o bala ka dilo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba setseng ba di itshoketse ka ntlha ya go rata Jehofa.
14 Morago ga gore lo bale karolo nngwe ya yone, ipheng nako ya go tlotla mmogo ka botlhokwa jwa yone le go tlotla ka dintlha tsa yone. Fa o na le bana ba bannye, dira gore le bone ba nne le seabe mo go tlhaloseng ditshwantsho le go go bolelela se ba se itseng ka batho ba ba mo go tsone. Tota le fa o e bala o le mongwe, leka go bolelela ba bangwe se o se ithutang. Fa go tshwanela, dirisa dintlha tseo fa o dira maeto a go boela le fa o tshwere dithuto tsa magae tsa Bibela. Fa o ntse o e boaboeletsa e tla aga mo tlhaloganyong ya gago le mo pelong ya gago, mme gape e tla solegela batho ba bangwe molemo.
15 Kgatlhegela Dintlha: Nako e o e dirisang o bala buka ya Baboledi e tshwanetse ya nna e e itumedisang e bile e go solegela molemo.
16 A o ka rata gore lelapa la gago le etele ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa? Tsebe 208-9 e bontsha dikago tse Mokgatlho o neng o di dirisa dingwaga di le lekgolo tse di fetileng kwa kgaolong ya Pittsburgh. Ditsebe 216-17 di go bontsha dikago tse di neng tsa dirisiwa moragonyana kwa Brooklyn. Ditshwantsho tse di mo go tsebe 352-6 di ka go thusa gore o bone ntlokgolo ya gompieno ya lefatshe lotlhe ka leitlho la tlhaloganyo. Dikgaolo 26 le 27 di tlhalosa kaga tiro e e dirwang kwa Bethele, mme ditsebe 295-8 di re fa tshedimosetso e e oketsegileng kaga botshelo jwa kwa Bethele.
17 Bontsi jwa rona ga re kgone go etela makala a le mantsi a Mokgatlho. Ditsebe 357-401 tsa buka ya Baboledi di go tseisa loeto go ralala lefatshe. Ga go tlhokege gore o di bale ka lepotlapotla. Dirisa nako e sekae o lebeletse naga nngwe le nngwe mme o itumelele go dira jalo. Dirisa mmapa o o mo tsebeng 415-17 go batla lefelo lengwe le lengwe. Bala dikakgelo tse di tsamayang le setshwantsho sa lekala lengwe le lengwe. Gape o ka kgona go bona dintlha tse dingwe tse di kgatlhang ka naga nngwe le nngwe ka go dirisa intekese. Dirisa sebaka seo go itse maloko a dinaga tse dingwe a lelapa la gaeno la semoya.
18 Ka dinako tse dingwe fa batho ba kopane go tla go itlosa bodutu, ba tle ba tshameke metshameko e e akaretsang kitso ya dilo tsa lefatshe. A ga go ne go nna mosola le go feta go ithuta matlha le ditiragalo tse di botlhokwa tsa hisitori ya segompieno ya batho ba ga Jehofa? O tla fitlhela bontsi jwa dintlha tseo di tlhomagantswe mo ditsebeng 718-23 mo bukeng ya Baboledi. Dintlha tseo tse di tlhomagantsweng ke dintlha tsa konokono; o ka nna wa di oketsa ka tse dingwe tse di mo bukeng yotlhe. Dira gore e nne tsone tse o dirang poeletso ka tsone. Ka gongwe mo lelapeng basha ke bone ba ka di tshwarang ka tlhogo ka bonako. Bangwe ba rona e bong batho ba bagolo, ba ka nna ba nna bonya go di tshwara. Lefa go ntse jalo dintlha tseno ke hisitori ya puso ya Modimo e rotlhe e ka re solegelang molemo fa re e itse. Morago ga go ithuta matlha le dintlha tsa konokono, oketsa ka tse dingwe. Tlhatlhoba go bona gore o ka gopola dintlha di le kae tebang le tiragalo nngwe le nngwe. Morago ga moo o bo o bolela gore tiragalo nngwe le nngwe e nnile le seabe sefe mo go diragatseng go rata ga Modimo. Go tswa foo, tlotla kafa seno se amileng botshelo jwa gago ka teng le gore wena o amana jang le se Jehofa a se dirang.
19 Dirisa Sebaka Sengwe le Sengwe Se Se Tlhagang: Fa o ntse o bala le go tlotla ka buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, o tla kgona go lemoga go diragadiwa go go molemo thata ga Isaia 60:22. Buka eno e bolela jaana mo go tsebe 519: “Go diragadiwa ga tsholofetso ya gore ‘yo monnye o tla nna makgolo a le some’ eleruri go diragetse, e bile ka tsela e kgolo tota! Mo nageng nngwe le nngwe ya tse 50 go ne go sena le ene yo ‘monnye’—koo go neng go sena Basupi bape fela ba ga Jehofa ba ba neng ba rera bogologolo ka 1919—gompieno go na le batho ba ba bakang Jehofa ba ba fetang sekete. Mo go dingwe tsa dinaga tseno, jaanong go na le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete tse di masomesome, ee, le eleng ba ba fetang dikete di le lekgolo, ba ba bolelang ka Bogosi jwa Modimo ba le tlhaga! Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ile ba nna “morahe o o thata”—palo ya bone fa ba kopantswe botlhe lefatshe ka bophara ba feta baagi ba merafe mengwe e e ipusang ya lefatshe e le 80.”
20 Eleruri go oketsega jalo ga tiro ya Bogosi ga go ise go fele. Go na le moo, Jehofa o ile a go akofisa ka selekanyo se se seng kana ka sepe. O tla nna le seabe go le kana kang mo go yone? A ruri o etse tlhoko dibaka tsotlhe tse di go bulegetseng? Fa o ntse o ithuta ka dilo tse batho ba bangwe ba di dirang, e kete pelo ya gago e ka go tlhotlheletsa go ithaopela go nna le seabe ka botlalo mo tirong e e molemolemo e Modimo wa rona yo o lorato a e eteletseng pele mo motlheng wa rona ka Jesu Keresete.