Thusang Batho ba Bangwe Gore ba Lemoge Botlhokwa Jwa Baebele
1 Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe dilo tse ba di tlhokang. Luke 24:45 e bega jaana: “A rarabolola tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye dikwalo.” O ne a itse gore fa e le gore ba batla gore Rraagwe a ba amogele, go ne go le botlhokwa gore ba ithute le go tlhaloganya Lefoko la Modimo Baebele. (Pes. 1:1, 2) Boikaelelo jwa tiro ya rona ya go rera ke jo bo tshwanang. Mokgele wa rona ke go simolola dithuto tsa Baebele, koo re kgonang teng re ‘rute batho go tlhokomela dilo tsotlhe tse Jesu a re di laoletseng.’ (Math. 28:20) O ntse o akantse ka seno, dikakantsho tse di latelang di ka go thusa fa o dira maeto a go boela.
2 Fa e le gore o ile wa tlotla ka buka ya “Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo” o ka nna wa tsweletsa motlotlo wa gago pele jaana:
◼ “E re ka o le motho wa bodumedi, o akanya gore bodumedi bo tshwanetse jwa ama jang boitshwaro jwa motho? [Letela karabo.] Se Jesu Keresete a neng a se bolela mo go Mathaio 7:17-20 se re neela dikaelo tseo bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetseng go di latela.” Bala lekwalo ka tlhamalalo go tswa kwa bofelong jwa serapa 19 mo tsebeng 12 ya buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Morago ga foo botsa mongantlo gore o bona eng mo setshwantshong se se mo tsebeng 13. “Le mororo batho ba le dimilione ba bolela gore ba dumela mo Modimong ba le bantsi ba mo itatola ka ditiro tsa bone. [Bala mela e mebedi ya ntlha mo serapeng sa 20.] Ditiro tseno tsa thubakanyo di tlhaola bodumedi jo bo sa lateleng kaelo ya ga Keresete ya gore re ratane, le go rata le e leng baba ba rona. Gongwe mo loetong lwa me lo lo latelang re ka nna ra tlotla ka gore bodumedi bo tshwanetse jwa bo bo dira eng fa e le gore bo ungwa maungo a a siameng.”
3 Fa e le gore o ne o buile le motho yo o neng a kgatlhegela Baebele, he, gongwe fa o ka simolola jaana o ka kgona gore o simolole thuto ya Baebele:
◼ “Mo e ka nnang batho botlhe ba o buang le bone ba tla go bolelela gore ba ka rata gore go nne le kagiso le polokesego mo lefatsheng le re tshelang mo go lone. Fa e le gore mongwe le mongwe o batla gore go nne jalo, ke ka ntlha yang fa lefatshe le tlhakatlhakane jaana e bile le tletse thubakanyo? [Letela karabo.] Baebele e re neela karabo ya potso eo.” Bala 2 Bakorinthe 4:4. Tlhalosa kafa Modimo o tla nyeletsang Diabolo ka gone le kafa a tla tlisang kagiso le boitumelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ka gone. Bala Tshenolo 21:3, 4. Morago ga foo o ka nna wa re: “Fa ke boa gape mo nakong e e tlang, ke batla go go bontsha dikwalo dingwe tse di tlhalosang gore ke ka ntlha yang fa re ka lebelela lefatshe le go senang matshwenyego mo go lone.”
4 Fa e le gore o ne wa dirisa tsela e e tlhamaletseng fela ya go simolola thuto mme motho a ile a arabela sentle, o ka nna wa bolela jaana fa o boela:
◼ “Fa re ne re bua mo nakong e e fetileng, re ile ra tlotla ka mabaka a go bo go le mosola go ithuta Baebele. Fa re dira maiteko a a oketsegileng go dira seno go ka re thusa gore re lemoge gore Modimo o re solofetsa eng. [Bala Johane 17:3.] Re dirile thulaganyo ya go ithuta Baebele e e ileng ya thusa batho ba ba diketekete gore ba ithute mo go oketsegileng ka se Modimo o se re solofetsang le kafa re ka mo itumedisang ka gone.” Mmontshe buka ya Tshelela Ruri, o bo o tlhalosa diteng mme o bo o mmontsha kafa re tshwarang thuto ya Baebele ka gone.
5 Fa e le gore o ka kgona go thusa batho ba ba tlhoafetseng go lemoga kafa Lefoko la Modimo le leng botlhokwa thata ka gone, o tla bo o ba thusitse ka tsela e e molemolemo go di gaisa tsotlhe. Botlhale jo ba ka bo ithutang mo go yone e ka nna “setlhare sa botshelo,” se se tla ba itumedisang thata.—Dia. 3:18.