Balebedi ba ba Etelelang Pele—Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego
1 Ke tshiamelo e kgolo tota gore mogolwane yo o tshwanelegang kana motlhanka wa bodiredi a direle e le motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego. Go tlhokomela dilo tsa semoya tse ba ba leng mo setlhopheng sa gagwe ba di tlhokang ke boikarabelo jo bo masisi. Ditiro tsa gagwe di maphata mararo.
2 Bokgoni Jwa go Ruta: Go tlhoka gore motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego a baakanyetse ka botlalo gore a neye ba ba leng mo setlhopheng sa gagwe tlhaloganyo beke le beke. O senka go dira gore ba bangwe ba anaanele thata tshedimosetso e e ithutiwang. Go na le gore ene a bue thata fa thuto e tsweletse, fa go tlhokega o tla botsa dipotso tse dingwe tse di tshwanetseng gore a tlhomolole dintlha tsa botlhokwa tsa se se ithutiwang. O lebane le kgwetlho ya go dira gore thuto e nne e e kgatlhang le e e rutang le go dira gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo thutong. Boikaelelo bogolo jwa gagwe ke go aga semoyeng, go bontsha botlhokwa jwa thuto le go dira gore tshedimosetso eno e fitlhelele mogopolo le pelo.—1 Bathes. 2:13.
3 Bodisa jo bo Molemo: Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o ntse “jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong.” (Isa. 32:2) O tlhokomela botlhe ba ba mo setlhopheng sa gagwe mme o ela tlhoko gore fa mongwe wa ba a ba tlhokometseng a kgobegile marapo a neelwe thuso ya semoya.—Esek. 34:15, 16; 1 Bathes. 2:7, 8.
4 Go Rera Efangele ka Tlhoafalo: Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o amegile thata ka go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng gore botlhe mo setlhopheng sa gagwe ba nne le seabe ka botlalo mo bodireding jwa tshimo. O etelela pele mo tirong ya go rera efangele, a itse gore go nna teng ka metlha, go tlhoafala le go tlhagafala tse a di bontshang mo tirelong di tla bonala le mo setlhopheng sotlhe. (Bakol. 4:17; 2 Bathes. 3:9) Fa nako e ntse e ya, o leka go dira le mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa gagwe mo tirelong. Fa re batla go lootsa bokgoni jwa rona jwa go rera le go ruta mo bodireding, motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego a ka re thusa go fitlhelela mokgele wa rona.—1 Tim. 4:16; 2 Tim. 4:5.
5 Eleruri re lesego ka dimpho tseno tse e leng banna ba ba nnang ba iketleeditse go re thusa semoyeng le go re ema nokeng ka lorato. (1 Bathes. 5:14) E kete re ka bontsha gore re anaanela thulaganyo eno e e molemolemo e Jehofa a re diretseng yone ka go nna le seabe ka metlha mo thutong ya buka le go tshegetsa tiro ya go rera efangele ka boikanyego.—Baheb. 10:25.