Dipokano Tsa Tirelo Tsa January
Beke e e Simololang ka January 4
Pina 36
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa e le gore dinako tsa dipokano di fetotswe ka January 1, gakolola botlhe go dirisa dipampitshana tsa taletso tse di bontshang dinako tse disha. Dira pontsho e e bontshang kafa mpho ya buka ya kgwedi eno e ka tsamaisiwang ka teng, go akaretsa le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika fa e le teng.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona.
15 mets: “Supang Bopelotelele.” Puisano ya lelapa. Ba bontsha ditsela tse ba ka bontshang bopelotelele ka tsone ka mo go oketsegileng mo bodireding jwa bone. Akaretsa le dikakgelo tse di tshwanelang go tswa go Tora ya Tebelo ya June 15, 1995, tsebe 12.
Pina 61 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 11
Pina 88
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
15 mets: Go Utlwa ka Tsela ya Bomodimo mo Lelapeng le le Kgaoganeng ka Bodumedi. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1995, ditsebe 26-9. Neela kgothatso e e lorato le kgakololo tse di tla thusang ba ba nang le balekane ba ba sa dumelang gore ba nne le boikutlo jo bo siameng le go kopanela ka tlhagafalo le phuthego.
20 mets: “Balebedi ba ba Etelelang Pele—Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego.” Puo ka motshwari wa thuto ya buka yo o tlhomang sekao se se molemo, a tlotla ka ditiro tsa gagwe. O bontsha kafa tiro eno e thusang ka teng mo go direng gore phuthego e gatele pele le gore e itekanele semoyeng. Akaretsa dikakgelo tsa botlhokwa go tswa go Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 43-5, 74-6.
Pina 135 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 18
Pina 169
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
15 mets: Baakanyetsa Jaanong go Tshegetsa Molao wa Modimo ka Madi. Mogolwane yo o tshwanelegang o tlotla ka botlhokwa jwa go tlatsa karata ya Advance Medical Directive/Release. Morago ga pokano eno, Basupi ba ba kolobeditsweng ba tla neelwa karata e ntšha mme ba ba nang le bana ba bannye ba ba iseng ba kolobediwe ba tla neelwa Identity Card ya ngwana mongwe le mongwe. Dikarata tseno ga di a tshwanela go tladiwa mo maitseboeng ano. Di tshwanetse tsa tladiwa ka kelotlhoko kwa gae mme DI SE KE tsa saeniwa. Go saeniwa, go saenisa basupi le go tsenngwa ga matlha mo dikarateng tsotlhe go tla dirwa morago ga Thuto e e latelang ya Buka ya Phuthego, ka kaelo ya motshwari wa thuto ya buka. Pele ga o saena, tlhomamisa gore dikarata di tladitswe sentle tsotlhe. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a saena karata eno ka boene. Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela dikarata tsa bone gore ba di dirise bone le bana ba bone ka gore ba fetole fela puo e e dirisitsweng mo karateng eno gore e dumalane le maemo a bone le se ba se dumelang. Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go dira lenaane le le tla ba thusang go tlhomamisa gore botlhe ba ba abetsweng mo setlhopheng sa bone ba bona thuso e ba e tlhokang go tlatsa karata ya Advance Medical Directive/Release. Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona lokwalo lwa October 15, 1992. Fa nako e go letlelela, tlotla ka Tsogang! ya December 8, 1998, ditsebe 18-21 (ka Seesemane).
25 mets: “Go Simolola Dithuto ka Boroutšhara Jwa Re Direng.” Se tlotlwa ka dipotso le dikarabo. Dira pontsho mo serapeng 6. Kopa bareetsi go bolela gore ba atlegile go le kana kang fa ba ne ba dirisa boroutšhara jwa Re Direng.
Pina 197 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 25
Pina 201
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya January.
15 mets: “Phetogo mo Diureng Tse di Tlhokwang mo Babulatseleng.” Puo ka mogolwane. Akgola babulatsela ba ba mo phuthegong mme o kgothaletse baboledi ba ba oketsegileng gore ba tsenele tirelo ya bobulatsela jo bo thusang le jwa ka metlha, ba ntse ba akantse ka tiro e e oketsegileng ka March, April le May. Akaretsa tshedimosetso e e tswang mo ditsenyeletsong tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1997 le ya July 1998.
20 mets: A o Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe? Puo le motlotlo le bareetsi. Ngwaga le ngwaga Mokgatlho o re neela bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. A wena ka namana kana lelapa la lona lo dirisa kgatiso eno ka tsela e e molemo? Tlhalosa mabaka a a molemo a go bo re tshwanetse go sekaseka temana ya letsatsi lengwe le lengwe. Tlotla ka dintlha tse di mo ketapeleng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—1999, ditsebe 3-4. Kopa bareetsi go bolela maiteko a a kgethegileng a ba a dirang, mongwe le mongwe le malapa, go sekaseka temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone ka metlha.
Pina 225 le thapelo e e konelang.