-
Thulaganyo ya Beke ya May 23Tirelo ya Bogosi—2011 | May
-
-
Thulaganyo ya Beke ya May 23
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 23
Pina 39 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 4, lebokoso le le mo ts. 33 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Dipesalema 19-25 (10 mets.)
No. 1: Pesalema 23:1–24:10 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Bajuda Botlhe ba Tla Sokologela mo go Keresete?—rs ts. 38 ¶4–ts. 39 ¶1 (5 mets.)
No. 3: Baroma 8:21 e Tla Diragadiwa Leng le Gone Jang? (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikitsiso. “Kafa o ka Dirisang Foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka Gone.” Motlotlo.
10 mets: Ditsela Tse Tharo Tsa Matseno a a Rutang. Puo e e theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 9, serapa 1. Fa o sena go sekaseka tshedimosetso eo, dira gore go dirwe dipontsho di le pedi tse di bontshang kafa kgatiso e e tsamaisiwang ka June e ka buelelwang ka gone.
15 mets: A o Kile wa di Leka? Motlotlo. Ka tsela ya go neela puo, boeletsa ka bokhutshwane tshedimosetso ya ditlhogo tseno tsa bosheng tse di mo kgatisong ya rona ya Tirelo ya Rona ya Bogosi: “E Dirise ka Metlha” le “Setlhogo se Sesha sa go Simolola Dithuto Tsa Baebele” (km 12/10) mmogo le “Go Thusa Malapa” (km 1/11). Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba ileng ba leka go dirisa dikakantsho tse di mo ditlhogong tseno ka teng le gore ba ile ba solegelwa molemo jang.
Pina 56 le Thapelo
-
-
Thulaganyo ya Beke ya May 30Tirelo ya Bogosi—2011 | May
-
-
Thulaganyo ya Beke ya May 30
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 30
Pina 33 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 4 ¶5-12 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Dipesalema 26-33 (10 mets.)
No. 1: Pesalema 31:9-24 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Dikao Tsa Baebele Tsa Boikokobetso Jwa Mmatota (5 mets.)
No. 3: A Bajuda ba Tshwanetse go Dumela mo go Jesu Gore ba Bolokwe?—rs ts. 39 ¶2–3 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikitsiso. O dirisa dikai tsa dipuisano tse di mo tsebe 4, dira gore go dirwe pontsho ya kafa go ka simololwang thuto ka teng ka Matlhatso wa ntlha ka June. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe.
15 mets: Tsela ya go Dira Patlisiso. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 33-38. Dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya mmoledi a bua a le esi a dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso go bona karabo ya potso e mongwe a e boditseng mo bodireding.
10 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine ka June. Motlotlo. Dirisa motsotso kgotsa e le mebedi go sekaseka dingwe tsa diteng tsa dimakasine. Go tswa foo, tlhopha ditlhogo di le pedi kgotsa di le tharo mme o bo o kopa bareetsi go akantsha dipotso le ditemana tse di ka dirisiwang mo puisanong. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 113 le Thapelo
-
-
Kafa o ka Dirisang Foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka GoneTirelo ya Bogosi—2011 | May
-
-
Kafa o ka Dirisang Foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka Gone
O tshwanetse go tlatsa foromo eno fa o kopana le motho yo o kgatlhegang yo o sa nneng mo tshimong ya lona kgotsa yo o buang puo e sele. Le fa gone mo nakong e e fetileng re ne re e dirisa fa re kopana le batho ba ba buang puo e sele e ka tswa ba bontsha kgatlhego kgotsa nnyaa, gone jaanong re e dirisa fela fa motho a bontsha kgatlhego. Re ka dira se se farologaneng le seno fa fela re kopana le motho yo o bosusu. Fa re kopana le motho yo bosusu, go sa kgathalesege gore a o bontsha kgatlhego kgotsa nnyaa, re tshwanetse go tlatsa foromo ya S-43.
Re tshwanetse go dira eng ka foromo eno fa re sena go e tlatsa? Re tshwanetse go e naya mokwaledi wa phuthego. Fa a itse gore o tshwanetse go e romela kwa phuthegong efe, a ka nna a e romela fela kwa bagolwaneng ba phuthego eo gore ba dire dithulaganyo tsa gore motho yo o kgatlhegang a thusiwe. Fa a sa itse gore a e romele kwa phuthegong efe, o tla romela foromo eno kwa ofising ya lekala.
Fa motho yo o kgatlhegang a bua puo e sele mme a nna mo tshimong ya lona, o ka nna wa tswelela go mo etela go tsweletsa kgatlhego ya gagwe go fitlha a kopana le mmoledi yo o tswang kwa phuthegong ya puo e sele e e tshwanelang.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2009 tsebe 4.
-