LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 14 ts. 17
  • Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Tlhalosa Setlhogo Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Boeletsa Dintlha Tsa Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 14 ts. 17

THUTO 14

Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa

Temana e e umakilweng

Bahebera 8:1

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tsamaisana le wena fa o ntse o tsweletse ka puo gape o dire gore dintlha tsa botlhokwa di tsamaisane le setlhogo sa puo.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Itse boikaelelo jwa puo ya gago. Leka go lemoga gore a boikaelelo jwa puo ya gago ke go ruta, go tlhatswa bareetsi pelo kgotsa go ba kgothatsa. Go tswa foo, e baakanyetse o akantse ka dintlha tseo. Dirisa dintlha tsa botlhokwa tsotlhe go fitlhelela boikaelelo jwa puo ya gago.

    Kakantsho

    Ipotse jaana: ‘Bareetsi ba ka ipotsa potso efe ka kgang eno? Fa ba sena go bona karabo, ba ka ipotsa potso efe gape?’ Go tswa foo, rulaganya dintlha tsa gago go ya ka tatelano ya dipotso tseo gore bareetsi ba tsamaisane le wena, ba go tlhaloganye le go amogela se o se rutang.

  • Gatelela setlhogo sa puo. Fa o ntse o tsweletse ka puo ya gago, nna o umaka setlhogo sa puo ka go boaboeletsa mafoko a konokono a setlhogo kgotsa ka go dirisa makaelagongwe.

  • Dira gore dintlha tsa botlhokwa di utlwale sentle. Tlhopha fela dintlha tsa botlhokwa tse di tsamaisanang le setlhogo sa gago, tse o tla kgonang go di ruta mo nakong e o e abetsweng. O se ka wa dirisa dintlha tsa botlhokwa tse dintsi, umaka ntlha nngwe le nngwe ya botlhokwa ka tsela e e utlwalang sentle, o tla o didimala go se kae gore go utlwale fa o tswa mo ntlheng e nngwe ya botlhokwa o ya kwa go e nngwe.

    Kakantsho

    O ka nna wa umaka dintlha tsa botlhokwa fa o simolola puo gore bareetsi ba kgone go tsamaisana le wena kgotsa o ka nna wa di boeletsa kwa bofelong gore ba kgone go di gopola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela