LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 16
  • Go Thusa Batho ba ba Sotliwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Batho ba ba Sotliwang
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga se molato wa gago go bo o sotliwa
  • O ka bona thuso
  • Modimo o a go kgathalela
  • Go tla fela
  • ‘Nako ya go Fola’
    Tsogang!—1991
  • Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo Lelapeng
    Tsogang!—1993
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
  • Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 16
Mosadi o kwa lewatleng mme o lebile letsatsi fa le ntse le wela.

Go Thusa Batho ba ba Sotliwang

World Health Organization e a re: “Go sotliwa ga basadi ke bothata jo bogolo mo lefatsheng lotlhe mme kgang eno e tlhoka go potlakelwa.” Mokgatlho ono o fopholetsa gore diperesente di ka nna 30 “tsa basadi ba ba kileng ba nyalwa kgotsa ba ba neng ba ratana, ba kile ba itewa kgotsa ba sotliwa ka tlhakanelodikobo” ke balekane ba bone. Mme pego ya UN yone e fopholetsa gore ngwaga nngwe letsatsi le letsatsi go ne go bolawa basadi ba le 137 mo lefatsheng lotlhe, ba bolawa ke balekane ba bone kgotsa ba bolawa ke mongwe wa losika.a

Dipego tsa dipalopalo di kgona go bontsha gore go sotliwa ga batho ke bothata jo bogolo mme gone ga di kgone go tlhalosa botlhoko jo batho ba ba sotliwang ba bo utlwang.

A o mongwe wa batho ba ba sotliwang? Kgotsa a o itse mongwe yo o sotliwang? Fa go le jalo, ela tlhoko dintlha tse di latelang tsa Baebele tse di ka go thusang.

Ga se molato wa gago go bo o sotliwa

O ka bona thuso

Modimo o a go kgathalela

Go tla fela

O ka thusa jang motho yo o sotliwang

Ga se molato wa gago go bo o sotliwa

Se Baebele e se buang: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ema fa pele ga Modimo gore a atlholwe go ya ka ditiro tsa gagwe”​—Baroma 14:12.

Gopola: Motho yo o go sotlang o tla ikarabelela.

Fa e le gore molekane wa gago a re ke wena o dirang gore a go sotle, ga a bue boammaaruri. Basadi ba tshwanetse go ratiwa, e seng go sotliwa.​—Bakolosa 3:19.

Ka dinako tse dingwe lebaka la go bo motho a sotla molekane wa gagwe ke ka gonne a na le bolwetse jwa tlhaloganyo, a goletse mo lelapeng le maloko mangwe a neng a sotla a mangwe kgotsa a nwa thata. Le fa go ntse jalo, o tlile go ikarabelela mo Modimong ka ntlha ya tsela e a go tshwarang ka yone. E bile ke boikarabelo jwa gagwe gore a dire se se tlhokegang gore a fetoge.

O ka bona thuso

Se Baebele e se buang: “Go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.”​—Diane 15:22.

Gopola: Fa o ikutlwa o sa sireletsega kgotsa o sa itse gore o dire eng, ba bangwe ba ka go thusa.

Ke eng fa o ka tlhoka thuso ya ba bangwe? Fa e le gore o a sotliwa go na le dilo di le dintsi tse o ka akanyang ka tsone. Go ka nna thata gore o tseye tshwetso ya gore o tla dira eng, ka gonne o sa itse gore ke eng se se botlhokwa thata mo dilong tse di latelang:

  • Go itshireletsa

  • Se se siametseng bana ba gago

  • Maemo a gago a tšhelete

  • Kafa o ratang molekane wa gago ka gone

  • Go batla go tswelela o nna le molekane wa gago fa fela a ka fetola tsela e a go tshwarang ka yone

Go a utlwala go bo o tlhakane tlhogo e bile o sa itse gore o dire eng. O ka bona kae thuso?

Tsala e o e tshepang kana mongwe wa losika a ka kgona go go kgothatsa le go go thusa. Go bua le mongwe yo o go kgathalelang go ka go thusa.

Founela batho ba ba dirang ka go thusa batho ba ba sotliwang ba ba ka go thusang ka bonako. Ba ka go bolelela gore o dire eng gore o itshireletse. Fa molekane wa gago a amogela gore o tlhoka go thusiwa, batho bano ba ka mo thusa ka go mmolelela gore ke dikgato dife tse a tlhokang go di tsaya.

Ba ba dirang ka go thusa ka maemo a tshoganyetso ba ka go thusa fa o tlhoka thuso ka bonako. Batho bano ba akaretsa dingaka, baoki, kgotsa batho bangwe gape ba ba katiseditsweng go thusa fa go na le maemo a tshoganyetso.

Modimo o a go kgathalela

Se Baebele e se buang: “Jehofab o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; O boloka ba ba kgobegileng marapo.”​—Pesalema 34:18.

Gopola: Modimo o solofetsa gore o tla go thusa.

Jehofa o a go kgathalela. (1 Petere 5:7) O tlhaloganya se o se akanyang le tsela e o ikutlwang ka yone. A ka kgona go go kgothatsa ka Lefoko la Gagwe, Baebele. O batla gore o mo rapele. Fa o rapela, o ka mo kopa gore a go neye botlhale le maatla a go lebana le maemo a gago.​—Isaia 41:10.

Go tla fela

Se Baebele e se buang: “Mongwe le mongwe wa bone o tla nna ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme ga go na ope yo o tla ba tshosang.”​—Mika 4:4, ntlha e e kwa tlase.

Gopola: Baebele e solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo malapa a tla tshela a itumetse ka kagiso.

Jehofa Modimo ke ene fela a ka kgonang go rarabolola mathata otlhe a rona. Baebele e solofetsa go re: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.” (Tshenolo 21:4) Ka nako eo, ga re kitla re gopola sepe se se bosula se se re diragaletseng mme re tla gopola fela dilo tse di molemo tse di re diragalelang. (Isaia 65:17) Jono ke bokamoso jo bo itumedisang jo Baebele e go solofetsang jone.

a Le fa dilo tse di mo setlhogong seno di diragalela thata basadi le banna di a ba diragalela.

b Baebele e tlhalosa gore leina la Modimo ke Jehofa

O ka thusa jang motho yo o sotliwang

A o itse mongwe yo o sotliwang? Le fa gone o sa katisediwa go thusa, o sa ntse o ka kgona go mo thusa.c

Reetsa ka kelotlhoko. (Jakobe 1:19) O se ka wa mo pateletsa go bua go na le moo mmolelele gore o ikemiseditse go mo reetsa. Mo tlhomamisetse gore o dumela sotlhe se a go bolelelang sone.​—Diane 20:5.

Buka nngwe e e buang ka batho ba ba sotliwang e a re: “Go thata gore motho yo o sotliwang a bue ka kgang eo. Gantsi [batho ba ba sotliwang] ba fitlha se se ba diragalelang kgotsa ba tsaya go sotliwa e le selo se se sennye fela se se sa reng sepe, ga ba itlhamele dilo e bile ga ba feteletse go sotliwa ga bone. Go ka tswa go le thata go dumela gore motho yo o mo itseng a ka sotla motho yo mongwe. Mme gone gantsi motho yo o sotlang yo mongwe o itshwara ka tsela e e farologaneng fa a na le wena.”

Bua ka tsela e e kgothatsang. (1 Bathesalonika 5:11) Bua le ene ka tsela e e tla dirang gore a ikutlwe e le motho wa botlhokwa. Mmolelele gore o a mo kgathalela. Mo gopotse dinonofo tse di molemo tse a nang le tsone. Mo kgothaletse gore a kope thuso.

Mo thuse. (Diane 17:17) Mo thuse ka dilo tse a tlhokang thuso ka tsone, jaaka go mo tlhokomelela bana ka nakwana kgotsa go mo apeela. Mmotse gore a o itse se a tlhokang go se dira fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing le gore o tla ya kae gore a sireletsege.

Mo thuse gore a itshepe gore a ka kgona go itirela ditshwetso tse di siameng. (Bagalatia 6:5) Mo neye dikakantsho tsa se a ka se dirang mme o se ka wa mo direla ditshwetso.

c Fa e le gore o tshwenyegile ka motho wa bong bo sele, ela tlhoko tsela e o mo thusang ka yone mme go ka nna botoka gore o mo kgothaletse gore a kope thuso mo tsaleng nngwe ya gagwe ya bong jo bo tshwanang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela