LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/12 ts. 3
  • Nna le Sengwe Se se Go Rotloetsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Sengwe Se se Go Rotloetsang
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?
    Basha ba Botsa Jaana
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Iponele Molemo o Mogolo mo Sekolong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Ithuta ka Natla kwa Sekolong?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 10/12 ts. 3

Nna le Sengwe Se se Go Rotloetsang

Gore o rotloetsege go dira sengwe, o tshwanetse go itse mosola wa sone.

MOSOLA wa sekolo ke eng? Se tla go thusa go nna le botlhale mme Baebele ya re “botlhale ke tshireletso.” (Moreri 7:12) Ka tsela efe? Ka sekai: Akanya o tsamaya mo lefelong le le kotsi. Ke eng se o ka se tlhophang—go nnela go tsamaya o le nosi kgotsa go tsamaya le setlhopha sa ditsala tse di tla go sireletsang fa go tlhokega? Fa o na le thuto e e lekaneng, o na le se re ka reng ke ditsala di le mmalwa tse di nnang di na le wena ka metlha. Tsone di akaretsa:

  • Bokgoni jwa go akanya. Go tsena sekolo go ka go thusa go nna le se Baebele e se bitsang “go kgona go ikakanyetsa le go leba dilo sentle.” (Diane 3:21, Contemporary English Version) Go nna le bokgoni jono go tla go thusa gore o itharabololele mathata go na le gore ka metlha o batle thuso mo bathong ba bangwe.

  • Go kgona go dirisana sentle le batho. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba lwele go nna le dinonofo tse di jaaka bopelotelele le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Go dirisana le batho ba ba farologaneng kwa sekolong go go naya tshono ya go nna le dinonofo tseo mmogo le boitshoko, tlotlo le go utlwela ba bangwe botlhoko—dinonofo tse di tla go thusang thata fa o setse o godile.

  • Thapiso e e mosola. Sekolo se ka go ruta mosola wa go nna le mekgwa e e molemo ya go bereka, e e tla go thusang go bona tiro le gore e se ka ya go latlhegela. Gape fa o ithuta go le gontsi ka botshelo o tla kgona go itse gore o motho wa mofuta mang le gore o dumela eng. (Diane 14:15) Fa o tlhatswegile pelo ka tsela e e ntseng jalo, o tla kgona go emela se o se dumelang ka tlotlo.—1 Petere 3:15.

Selo sa botlhokwa: E re ka o tlhoka go ithuta, go tla bo go se mosola go nnela go akanya ka dilo tse o sa di rateng ka sekolo. Go na le moo, nna le boikemisetso ka go ela tlhoko dilo tse di rotloetsang tse di umakilweng fa godimo. Gongwe o ka nna wa ba wa kgona go akanya ka tse dingwe tse di oketsegileng!

Ke eng fa o sa simolole? Akanya ka selo se se go tlhotlheletsang thata gore o batle go atlega kwa sekolong.

Barutabana ba ba Molemo ba a Anaanelwa!

“Morutabana wa me wa economics kwa sekolong se segolwane a ka bo a ile a berekela setheo sengwe sa tsa madi, mme o ne a tlhopha go ruta kwa sekolong sa rona se segolwane se se duelang madi a mannye—sekolo se bana ba le bantsi kwa go sone ba neng ba sa kgatlhegele go ithuta economics. Le fa go ntse jalo, o ne a ruta serutwa seno ka tsela e e motlhofo, e e kgatlhang le e e neng e re thusa go bona kafa se ka re solegelang molemo ka teng. Nako nngwe o ile a ba a bitsa mmè a mmolelela kafa ke kwadileng tlhamo nngwe sentle ka teng. Fa baithuti ba mmotsa gore ke ka ntlha yang a ruta mo sekolong sa rona, o ne a re sekolo sa rona ke lefelo le le molemo go feta lepe fela le a kileng a bereka kwa go lone. O ne a re tlhaloganya, a re kgathalela e bile a re akgola. E ne e le morutabana yo o molemo go gaisa ope fela yo nkileng ka nna le ene!”—Reyon, United States.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela