Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang Fa ke Sa Kgone go Nna Botsalano Thata?
“Go nna ditlhong go a golafatsa. Ke poifo e e maatla e o tshwanetseng go lwa le yone. Ke selo sa mmatota.”—Richard.a
“Ke ne ke na le bothata jo bogolo jwa go nna ditlhong fa ke sa ntse ke gola. Go ne go ntse jaaka e kete ke mo lefatshenyaneng la me ke le nosi.”—Elizabeth wa dingwaga di le 18.
‘A GO na le phoso nngwe ka nna? Ke ka ntlha yang fa ke sa kgone go nna botsalano thata?’ A o a tle o ipotse dipotso tseno ka dinako dingwe? Jaaka Richard yo o nopotsweng fa godimo, o ka nna wa tshoga kana wa tlhobaela fa o kopana le mongwe yo mosha. O ka tswa o itshoga fa o na le batho ba ba nang le taolo. Kana gongwe o tshwenyega thata jaana ka gore ba bangwe ba akanya eng ka wena mo e leng gore fa o neelwa sebaka sa gore o ntshe maikutlo kana dikgopolo tsa gago, o fetoga semumu fela. Tracey yo mosha o dumela jaana: “Ke go fitlhela go le bokete thata go ema ke ye go bua le batho ba ke sa ba tlwaelang sentle.”
Tota ke eng se se bakang maikutlo a a ntseng jalo? Go tlhaloganya bothata jono e ka nna kgato ya ntlha e e ka thusang go bo fenya. (Diane 1:5) Mosadi mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke sa phuthologe fa ke le mo bathong. Mme e re ka ke setse ke lemogile gore bothata ke eng, ke kgona go lebana le jone.” Ka jalo a re lebeng mabaka a le mmalwa a go bo basha bangwe ba go fitlhela go le thata go nna botsalano.
Bothata Jwa go Nna Ditlhong
Go bonala go nna ditlhong e le lone lebaka le le tlwaelegileng thata. Fa gantsi mosha yo o botsalano a na le ditsala tse dintsi thata, mosha yo o ditlhong, yo o sa phuthologang ene a ka ikutlwa a jewa ke bodutu e bile a kgaphetswe kwa thoko. Elizabeth wa dingwaga di le 18 o bolela jaana: “Ke ne ke na le bothata jo bogolo jwa go nna ditlhong fa ke sa ntse ke gola. Go ne go ntse jaaka e kete ke mo lefatshenyaneng la me ke le nosi.” Diane o gakologelwa kafa a neng a ngomoga pelo ka teng mo ngwageng wa gagwe wa ntlha kwa sekolong se segolwane. “Ke ne ke sa rate go lemogiwa. Ke ne ke na le morutabana yo o neng a re re lekanye gore go botlhokwa go le kana kang go itsiwe ke batho. Mo selekanyong sa go tloga ka lefela go ya go tlhano, lefela e ne e raya gore ga go botlhokwa gotlhelele fa tlhano e raya gore go botlhokwa. Basetsana botlhe ba ba neng ba itsege mo sekolong ba ne ba kwala tlhano. Ke ne ka kwala lefela. Mo go nna, go nna ditlhong e ne e batla e le go boifa go itsege. Ga o batle go lemogiwa kana go gapa tlhokomelo ya batho ka gonne o tshaba gore ba bangwe ba ka nna ba se go rate.”
Gone mme, go nna ditlhong ga se selo se se maswe go le kalo. Selo se se amanang thata le go nna ditlhong ke boingotlo—go lemoga ditlhaelo tsa rona. Tota e bile mo Baebeleng re laelwa gore re nne ‘boingotlo fa re tsamaya le Modimo wa rona.’ (Mika 6:8, NW) Motho yo o boingotlo kana le e leng yo o leng ditlhong go ka nna motlhofo go nna le ene go feta motho yo o bodipa, yo o bogale kana yo o batlang dilo ka tsela ya gagwe. Mme le fa gone go le boammaaruri gore go na le “motlha wa go bua,” gape go na le “motlha wa go didimala.” (Moreri 3:7) Batho ba ba ditlhong ga ba na bothata jwa go didimala. Ka gonne ba sekametse mo go ‘nneng bofefo kaga go utlwa e bile ba le bonya kaga go bua,’ gantsi ba ratiwa ke ba bangwe jaaka bareetsi ba ba molemo.—Jakobe 1:19.
Le fa go ntse jalo, gantsi mosha o didimetse thata kana o ditlhong mo e leng gore ga a kgone go nna le ditsala. Mme mo mabakeng a mangwe a a feteletseng, go nna ditlhong go ka baka se mokwadi mongwe a se bitsang “mofuta wa go itsenya mo kgolegelong ya maikutlo”—go itlhaola mo bathong ba bangwe.—Diane 18:1.
Go Nna Ditlhong—Bothata jo bo Tlwaelegileng
Fa o bogisiwa ke go nna ditlhong, lemoga gore ke bothata jo bo tlwaelegileng thata. Mo patlisisong nngwe ya baithuti ba kwa sekolong se segolo le ba kholetšhe, “diperesente di le 82 tsa baithuti ba ne ba ipolela fa ba kile ba nna ditlhong ka nako nngwe mo matshelong a bone.” (Adolescence, ya ga Eastwood Atwater) Bangwe le e leng mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele ba ne ba na le bothata jwa go nna ditlhong. Banna ba ba neng ba tlotlega thata, ba ba jaaka Moshe le Timotheo, ba ka tswa ba ne ba tshwenngwa ke gone.—Ekesodo 3:11, 13; 4:1, 10, 13; 1 Timotheo 4:12; 2 Timotheo 1:6-8.
Akanya ka Saule, kgosi ya ntlha ya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele. Gantsi Saule e ne e le monna yo o pelokgale. Fa rraagwe a ne a latlhegetswe ke motlhape wa gagwe, Saule o ne a tswa ka bopelokgale a ya go di senka. (1 Samuele 9:3, 4) Mme fa a ne a tlhomiwa go nna kgosi ya setšhaba, ka tshoganetso fela o ne a simolola go nna ditlhong. Go na le go lebana le matshwititshwiti a a itumetseng, Saule o ne a iphitlha fa gare ga dithoto!—1 Samuele 10:20-24.
Go ka nna ga tswa go gakgamatsa gore ke ka ntlha yang fa Saule a ne a bonala a sa itshepe. Mo godimo ga moo, Baebele e mo tlhalosa e le lekau le lentle la maratagolejwa. Ebu, “go tswa mo magetleng go ya kwa godimo o ne a le motelele go feta batho botlhe”! (1 Samuele 9:2, NW) Mo godimo ga moo, moporofeti wa Modimo o ne a tlhomamiseditse Saule gore Jehofa o tla segofatsa go busa ga gagwe e le kgosi. (1 Samuele 9:17, 20) Le fa go ntse jalo, Saule o ne a sa ntse a sa itshepe. Fa a bolelelwa gore o tlile go nna kgosi, o ne a araba jaana ka boingotlo: “A ga ke Mobenjamine wa lotso lo lobotlana lwa ditso tsa Iseraele, le losika lwa me ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa Benjamine? Kana o buelang le nna ka mokgwa o o ntseng jalo?”—1 Samuele 9:21.
Fa motho yo o tshwanang le Saule a ne a sa itshepe, ga go gakgamatse go bo le wena ka dinako dingwe o ka nna wa se itshepe. Jaaka mosha, o mo nakong ya botshelo eo mmele wa gago o fetogang ka bonako. Ke gone o simololang go ithuta kafa o ka dirang ka teng mo lefatsheng la bagolo. Ka jalo, ke ga tlholego he, gore o ikutlwe o etsaetsega e bile o sa tlhomamisege ka dilo ka dinako dingwe. Dr. David Elkind o kwadile jaana mo makasineng wa Parents: “Mo karolong ya ntlha ya bosha, basha ba le bantsi ba nna ditlhong, fa ba nna le se ke se bitsang babogedi ba ba ba bopang mo mogopolong wa bone—go dumela gore ba bangwe ba ba lebile mme ba tlhokometse thata ponalo ya bone le ditiro tsa bone.”
E re ka gantsi basha ba lejwa ke balekane ba bone go ya ka tsela e ba lebegang ka yone, ba le bantsi ba tshwenyega thata ka ponalo ya bone. (Bapisa 2 Bakorintha 10:7.) Le fa go ntse jalo, ga go a siama go tshwenyega thata ka ponalo ya gago. Lekgarebe lengwe kwa Fora le le bidiwang Lilia le gakologelwa se se neng sa le diragalela malebana le seno: “Ke ne ke na le bothata jo bontsi jwa basha bo nang le jone. Ke ne ke na le diso—dipeise! Ga o batle le go atamela batho ba bangwe ka gonne o tshwenyegile ka tsela e o lebegang ka yone.”
Modikologo o o Maswe Thata
Ka gonne batho ba ba ditlhong gantsi ba sa tlhaloganngwe sentle, ba ka nna ba iphitlhela ba le mo seemong sa go kgaphelwa thoko gantsintsi. Buka ya Adolescence e lemogile jaana: “Basha ba ba ditlhong ga ba kgone go dira ditsala ka gonne gantsi batho ba bangwe ba ba leba ka tsela e e sa siamang. Batho ba ba ditlhong ba tsewa gore ba a itlhaola, ba lapisega motlhofo, ga ba kgatlhegele batho ba bangwe, ba ikisa kwa tlase, ga ba rate batho ba bangwe e bile ba rata ntwa. Fa ba tshwarwa ka yone tsela eo, ba ka nna ba ikutlwa ba kgaphetswe thoko thata, ba jewa ke bodutu e bile ba tshwenyegile thata mo maikutlong.” Kwantle ga pelaelo, seno se dira gore ba nne ditlhong le go feta, e leng sone se se dirang gore ba lejwe ka leitlho le le maswe le go feta la gore ba a ikgantsha kana ba mabela.
Gone mme, e re jaaka Mokeresete o le “segakgamalelo sa go bogelwa go lefatshe,” o tshwanetse go amega ka tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka teng ka wena. (1 Bakorintha 4:9) A o tila go leba batho mo matlhong fa o bua le bone? A ponalo ya mmele le tsela e o itshwarang ka yone e ntsha molaetsa wa gore o batla gore go kgaoganwe le wena? Ka jalo lemoga gore ba bangwe ba ka nna ba go tlhaloganya ka tsela e e seng yone mme ba leka go go tila. Seno se ka dira gore go nne thata le go feta gore o nne le ditsala.
Mabaka a Mangwe
Le fa go ntse jalo bothata jo bongwe jo bo tlwaelegileng ke jwa go tshaba go palelwa. Ke boammaaruri gore go tlwaelegile go ikutlwa o sa tlhomamisege kana o okaoka fa o dira sengwe se sesha, se o se nang maitemogelo a sone. Le fa go ntse jalo basha bangwe ba feteletsa dilo mo ntlheng eno. Fa Gail a sa ntse a le mosha, o ne a na le se a se bitsang go boifa batho. O bolela jaana: “Ke ne ke sa akgele mo tlelaseng. Mme batsadi ba me ba ne ba tlhola ba bolelelwa dilo tse di jaaka, ‘Ga a tsholetse letsogo. Ga nke a bo a bua.’ Mo go nna go ne go se motlhofo e bile go le thata go dira jalo. Le gone jaanong go sa ntse go nthatafalela.” Go boifa go palelwa e ka nna selo se se gatelelang thata. Mosha mongwe yo o bidiwang Peter o bolela jaana: “Ke tshwenngwa thata ke go dira diphoso. Ga ke tlhomamisege sentle ka se ke se dirang.” Go rumolwa mo go setlhogo le go nyadiwa ke balekane ba gago go ka gakatsa dilo tse o di boifang ga ba ga dira gore mosha a se tlhole a itshepa gotlhelele.
Go tlhoka bokgoni jwa go dirisana le batho ba bangwe ke bothata jo bongwe jo bo tlwaelegileng. Gongwe o okaoka go ikitsise mo mothong mongwe yo mosha, ka gonne fela o sa itse gore o reng. O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore le e leng batho ba bagolo ba a tle ba boife batho ka nako nngwe. Rakgwebo mongwe yo o bidiwang Fred o bolela jaana: “Mo lefatsheng la kgwebo, ke itse go dira se ke se kgonang sentle. Fa ke bua fela ka kgwebo, ga ke na mathata a go bua selo se se utlwalang. Mme fa ke simolola go tlotla ka dilo tse dingwe le bone batho bano, ke a okaoka. Nka nna ka tsewa jaaka motho yo o lapisang pelo kana yo o gagametseng kana yo o latelang molao thata kana yo o sa kgatlheng.”
O ka tswa o le ditlhong, o akanya thata ka wena kana o tshaba batho, go tla go solegela molemo go ithuta go nna botsalano. Baebele e rotloetsa Bakeresete go ‘pitlologa’ le go itse ba bangwe! (2 Bakorintha 6:13) Mme o ka go dira jang? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong sa rona mo nakong e e tlang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Batho ba ba ditlhong gantsi go akanngwa gore ba a itlhaola
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Go tshaba go palelwa go dira gore basha bangwe ba ikgogone mo bathong