LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 9/15 ts. 28-31
  • O Ka Kgona go Lwantsha go Bolaisiwa Pelo Ke Dilo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ka Kgona go Lwantsha go Bolaisiwa Pelo Ke Dilo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsela Dingwe tsa go Re Thusa go Lwantshana le go Bolaisiwa Pelo ke Dilo
  • Go Nna O Tiile Go Sa Kgathalesege Dilo Tseo Di Re Bolaisang Pelo
  • Go Gololesega mo go Bolaisiweng Pelo ke Dilo—Ga go Kgakala!
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Tekatekano mo Ditebelelong Tsa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • O ka Kgona go Fenya Boikutlo Jwa go sa Tlhomamisege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tsela ya go Bona Tsholofelo mo Nakong ya Boitlhobogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Nthate?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 9/15 ts. 28-31

O Ka Kgona go Lwantsha go Bolaisiwa Pelo Ke Dilo!

AKANYA fela ka seemo se se utlwisang botlhoko sa monna mongwe yo o nang le dingwaga di le 23. O ne a sa ya kgakala ka sekolo mme ebile a berekela madi a a kwa tlase thata. Go akanya ka go nyala le go nna le botshelo jo bo kgotsofatsang go ne go bonala e le dilo tse di sa kakeng tsa kgonagala mo go ene. Ga go gakgamatse go bo mmaagwe a ne a re: “O hutsafetse tota ebile dilo tseno di mmolaisa pelo.” Seemo seno sa lekawana leno se tshwana le seo se diragalelang dimilione tsa ba bangwe. Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, batho go tswa dikarolong tsotlhe tsa botshelo ba bolaisiwa pelo ke dilo.

Go bolaisiwa pelo ke dilo ke “boikutlo jo bo kwa tengteng jo bo nnetseng ruri kana boemo jwa go ikutlwa o sa sireletsega, o kgobegile marapo, ebile o sa kgotsofale e le ka ntlha ya dilo tseo o di eletsang tseo o sa kgonang go di fitlhelela, go tlhakatlhakana mo maikutlong, kgotsa mathata a mangwe ao a sa rarabologeng.” (Webster’s Third New International Dictionary) Re bolaisiwa pelo ke selo fa re leka ka thata go fitlhelela selo sengwe mme re sa atlege. Re ikutlwa re paletswe gotlhelele, jaaka ekete re ne re itaanya ditlhogo tsa rona mo lobotaneng lwa matlapa, go se na lefa e le tsholofelo ya gore re ka atlega. Mongwe le mongwe wa rona rotlhe o tlhaloganya boikutlo jono.

Badiri bao ba dirang tiro eo e sa ba kgotsofatseng ba ka ikutlwa ba sena mosola. Fa tiro ya bone e sa tseelwe tlhogong, bommamalapa le bomme bao ba mekamekanang le matshwenyego a letsatsi le letsatsi le ditiro tse di lapisang ba ka ikutlwa ba sa kgotsofala, go sa anaanelwe seo ba se dirang. Basha bao ba rakanang le diteko kwa sekolong ba ka ikutlwa ba bolawa ke pelo mo maitekong a bone a go batla go rutega. Maloko a merafenyana e mennye a ka ikutlwa a hutsafetse le go sa itumela, ba tlhatswegile pelo gore ke batswasetlhabelo ba go kgethololwa ka tsela e e sa siamang. Borrakgwebo bao ka boikanyego ba batlang go naya bareki dilo tse di nang le boleng kana go ba tlamela ka ditirelo tse di kgotsofatsang ba ka iphitlhela ba le mo mathateng a madi e le ka ntlha ya borrakgwebo ba bangwe ba ba bogagapa le ba ba sa ikanyegeng bao ba gaisanang le bone. Mathata ano le a mangwe ao a tshwanang le one a ka dira gore ba le bantsi ba sale ba bolaisiwa pelo ke dilo le go felelwa ke tsholofelo.

Monna yo o botlhale yo o ileng a tshela makgolokgolo a dingwaga a a fetileng o ne a kgona go tlhalosa tsela eo dilo di neng di mmolaisa pelo ka teng a tlhalosa seno ka mafoko ao re ka kgonang go a tlhaloganya. Solomone kgosi ya Iseraele o ne a re: “Hoñ ka leba ditihō cotlhe tse diatla tsa me di di dihileñ, le letsapa ye ke ne ke ineile letsapa ya go le diha: me bōnañ, gotlhe e ne e le boithamakō le go belebetlèla phehō hèla, me go no go sena thushō epè tlhatse ga letsatsi. Gonne motho oa ba a na le eñ mo letsapeñ ya gagwè yeotlhe hèla, le mo thekisegoñ ea pelo ea gagwè, mo o inaeañ letsapa ya gōna tlhatse ga letsatsi? Gonne malatsi a gagwè aotlhe ke mahutsana hèla, le thekisègo ea gagwè ke mahumapelo hèla; E, le eboñ mo bosigoñ pelo ea gagwè ga e ikhutse. Se le shōna ke boithamakō hèla.” (Moreri 2:11, 22, 23) Mafoko ano a ga Solomone a tlhagisa go felelwa ke tsholofelo goo ba le bantsi ba nang le gone fa ba ntse ba leka go lepalepana le dilo tseo di ba bolaisang pelo tseo di ba amogang botshelo jo bo nang le matswela.

Batho bao ba bolaisiwang pelo ke dilo ba ka nna ba itlhoboga. Mo maemong a a masisi bangwe ba ile ba tshabela bothata jono, ba itlhaola mo setšhabeng go ya go tshela botshelo jwa sephologolo. Go batla go nna le seo ba ikutlwang gore ke sa bone, go dirile gore bangwe ba tsene ka tlhogo mo bokebekweng le mo bothubaking. Kgatelelo e e sa kgaotseng e dirile gore manyalo a le mantsi a thubege le go khutlisa kutlwano ya lelapa.

Ba le bantsi ba rona ba ka tshwanelwa ke gore ba dire ka natla ba batla ditsela tsa go lepalepana le go bolaisiwa pelo ke dilo. Go sa kgathalesege gore re ka tswa re dirang, dilo di ka lebega di etegela pele. Diane 13:12 e a re: “Cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo.” Boitekanelo jwa rona jwa mmele le jwa semoya bo ka nna jwa nna mo kotsing. A seemo ke se se sa neeng tsholofelo? A re tshwanetse go tswelela re tshela ka go bolaisiwa pelo ke dilo e le kotlhao e e re tshwanetseng ya ditlhaelo tsa rona kgotsa diphoso tsa rona? A go ka tsewa dikgato dingwe tseo di ka kgonang go re thusa go lepalepana le go bolaisiwa pelo ke dilo e le gore re ke re kgone go ipelela botshelo jo bo kgotsofatsang mo go golwane? A re ke re bone.

Ditsela Dingwe tsa go Re Thusa go Lwantshana le go Bolaisiwa Pelo ke Dilo

Fa re na le bothata mme re tlhoka kgakololo, gantsi re ya go mongwe yo o nang le kitso, motho yo o nang le maitemogelo yo re ka mo ikanyang. Diane 3:5, 6 e gakolola jaana: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Kgakololo e e molemo e ka fitlhelwa mo Lefokong la Modimo, Bibela. Akanya ka dikai dingwe tsa temogo eo e e re nayang.

Go bolaisiwa pelo ke dilo go ka nna ga tswa go amana le tiro ya rona ya boitshediso. Ka sekai, tiro ya rona ya boitshediso e ka tswa e le e e re kgotsofatsang, lefa go le jalo lebaka la go bo re bona tuelo e e kwa tlase e ka nna ya nna lone motswedi wa go tshwenyega thata ga rona mo maikutlong. Re rata bamalapa a rona ebile re ba eleletsa tsotlhe tse di molemo. Lefa go ntse jalo, go bonala re tlhobaela re sa kgaotse malebana le go batla go fitlhelela dilo tsa madi tseo re di tlhokang. Re ka nna ra bereka go feta nako e e tlwaelegileng le e leng go bereka tiro ya bobedi mo godimo ga eo re nang le yone. Morago ga lobakanyana botshelo e fetoga go nna selo se se lapisang sa go ja, go robala, le go bereka. Go ntse go le jalo, dikoloto di a koelegana, melato e a oketsega, le go bolaisiwa pelo ke dilo le gone go a gola.

Boikaelelo jo bogolo jwa go dira tiro ya boitshediso ke go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. Lefa go le jalo re tlhoka dilo di le dintsi go le kana kang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga rea ka ra tla le sepè mo lehatshiñ, le gōna ga re kake ra cwa le sepè; Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.” A re leka go ikgobokanyetsa se se fetang seo ebile re rata go nna le seo ba bangwe ba nang le sone kana re leka go dira seo ba kgonang go se dira? Fa e le gore go ntse jalo, go bolaisiwa pelo ke dilo goo re nang le gone e ka tswa e le ditlamorago tsa seo. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Me ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:7-10) Fa re ka nna fa fatshe re bo re sekaseka sentle ka boikanyego dilo tse di bonalang tseo re di lelekisang, go dira jalo go ka re lemotsha dilo tse dintsi tseo re ka kgonang go tshela re ntse re sena tsone. Go leka go baakanya go se go kae tsela eo re somarelang madi ka yone le go tlhofofatsa tsela ya rona ya botshelo e ka nna thuso e kgolo thata mo go fokotseng go bolaisiwa pelo ke dilo.

Dikeletso tseo re tsalwang re na le tsone tseo di sa kgotsofatseng di dirile gore bangwe ba bolaisiwe pelo ke dilo. Ka sekai, ke ga tlhago fela gore lekgarebe le ka nna le keletso e nonofileng ya go batla go nyalwa le go nna kafa tlase ga tshireletsego le kamano e e lorato eo e nnang teng mo botshelong jwa lelapa. A ka nna a tswa a senya nako e ntsi le maiteko a dira gore a lebege ka go apara diaparo tsa feshene kana ka dintlafatsi ebile e ka nna mmadi yo mogolo wa dibuka tse di ntshang dikgakololo kaga batho bao ba senang bao ba ratanang nabo. Lekgarebe leno le ka nna gone mo meletlong ya boitlosobodutu le sa fetse ka tsholofelo ya gore le tla bona mongwe yo o le tshwanelang, mme le sa atlege. Go ka feta dingwagangwaga, mme go bolaisiwa pelo ke selo seno go ka fetoga selo seo go leng thata go se itshokela. Ka ntlha ya go retelelwa ke go itshoka a ka nna a raelesega go nyalwa ke mongwe yo o sa mo tshwaneleng. Se se maswe le go feta, e le gore a ke a kgotsofatse go legalegela ga gagwe go batla go ratiwa, a ka nna a kopanela mo boitsholong jo bo maswe.

Mo kgannyeng e e ntseng jalo, go botlhokwa go tlhagolela bopelotelele le go atlhola dilo ka tsela e ntle. Go nyalana le motho yo o sa tshwanelegeng—segolobogolo yo o senang tumelo mo go Jehofa—e ka nna phoso e e seng kana ka sepe. (1 Bakorintha 7:39; 2 Bakorintha 6:14, 15) Boitsholo jo bo repileng eleruri bo ka se go thuse ka sepe fa e se go go ngamola tlhogo fela le go go tlogela o sulafaletswe. (Diane 6:32, 33) Go nna fa fatshe o itshekatsheka, mmogo le go lwantshana le bothata jono ka tsela e e nang le tlhaloganyo, go ka go thusa ele tota. Go nna le “mōea oa boikokobeco le tidimalō” go ka kgona go gogela mofuta wa molekane wa lenyalo o o go tshwanetseng go na le jaaka fa diaparo tsa mefutafuta le dintlafatsi di ka dira. (1 Petere 3:3, 4) Go na le gore o ikaege ka kgakololo eo gantsi e sa kgoneng go bonela dilo pele kana e e tletseng bongwana ya bomankge ba lefatshe, go botlhokwa tota go leba go Mosimolodi wa lenyalo go ithuta gore go tlhokafala eng gore o nne mosadi yo o ratiwang le yo o anaanelwang. (Diane, kgaolo 31) Banna bao ba iseng ba nyale le basadi bao ba iseng ba nyalwe ba tshwanetse go nna le dinonofo tseo ba ka ratang balekane ba bone ba nna le tsone. Abo go le botlhale jang ne go dira botsalano jo bophepa le batho bao ba tlotlang melaometheo ya Bibela. Fa re dira seno mo matshelong a rona, ditebelelo tsa rona tsa lenyalo le le itumetseng di tla tokafala ka tsela e e eseng kana ka sepe. Le eleng le fa re ka se kake ra bona molekane ka bonako, go dira tumalanong le Dikwalo go ka re leretse boipelo mme ga dira gore botshelo jwa go nna fela o sena molekane wa lenyalo e nne jo bo duelang.

Dilo tse dintsi tseo re tshwanelwang ke go di dira di ka dira gore re shakgale. Go ka nna ga direga gore go nne le tlhotlheletso e e nonofileng go tswa matlhakoreng otlhe. Re ka nna ra tlhobaela ka ntlha ya dilo tsa botlhokwa tse lelapa la rona le di tlhokang, mme go ntse go le jalo mothapi wa rona e ka nna ya nna motho yo o sa kgotsofaleng. Balosika ba ka lebelela gore nako le nako fa bothata bo tlhaga re ba tshologe mokgosi. Ka ntlha ya dikgatelelo tse dintsi, dilo tse dintsintsi tsa rona ka namana di ka tswa di batla gore re di neele tlhokomelo. Go ka nna ga lebega ekete go tlhokega gore re dirise nako ya rona le maatla mo dilong tse dintsintsi mo nakong e le nngwe fela. Go bolaisiwa pelo ke dilo go ka nna ga dira gore re shakgale, mme re ka ikutlwa gore re ineele. Ka jalo, ke eng seo re tshwanetseng ra se dira?

Go ka nna botlhale gore re sekaseke dilo tseo eleng tsa botlhokwa thata mo go rona. Ereka re kgona go dira selekanyo se se rileng fela sa dilo tse di rileng, ga go kgonege gore re ka dira sengwe le sengwe seo ba bangwe ba batlang gore re se ba direle. Re tshwanetse ra fokotsa morwalo go fitlhelela re dira fela “dilo tseo eleng tsa botlhokwa jo bogolo.” (Bafilipi 1:10, NW) Se lebale gore, “nca e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.” (Moreri 9:4) Ditiro dingwe ke tsa botlhokwa jo bogolo thata mo o ka se di beeleng kwa thoko, fa gone tse di seng botlhokwa go le kalo o ka di beela kwa moragonyana. Re ka nna ra tsaya gore ditiro dingwe di tshwanetswe ke go dirwa ke rona fela ntswa gone re ne re ka di arogana le ba bangwe. Maikarabelo mangwe go ka tlhokega gore re a phimole gotlhelele fa e le gore ga a botlhokwa go le kalo. Lefa gone seno kwa tshimologong se ka tsosa ketsaetsego kgotsa se ka swabisa ba bangwe, gone re tshwanetse go tlotla ditlhaelo tsa rona tsa mmele le tsa maikutlo.

Bolwetsi jo bo koafatsang bo ka dira gore motho a bolaisiwe pelo ke dilo mo go botlhoko, ka jaana bo ka nna jwa re gatelela lobaka lwa malatsi a mantsi kana dibeke. Setlhabi se se tseneletseng se ka nna sa re dira gore re ikutlwe re le mo masetlapelong. Ka go batla go fola, re ka tswa ngakeng e nngwe go ya go e nngwe kgotsa re ka nwa melemo e e farologaneng kana dibitamine ka tsholofelo ya gore di tla re thusa ka tsela nngwe. Go ntse go le jalo, re ka nna ra tswelela pele re ntse re lwala ebile re ka simolola go ipotsa gore a go ne go tshwanetse gore botshelo bo nne boima jaaka bo ntse.

Jono e ka nna ya nna bothata joo bo ka rarabololwang fela ke lefatshe le lesha la Modimo. (2 Petere 3:13; bapisa Isaia 33:24.) Ereka batho ba sa itekanela, dingaka le melemo di ka dira go se go kae fela go leka go re thusa. Mo maemong mangwe go ka re tlhoka fela gore re amogele gore go boga ga rona ke bontlhanngwe jwa tsela eo botshelo bo leng ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a tsenwa ke “mutlwa mo nameñ,” gongwe e le go tshwarwa ke matlho kgotsa go nna le bokowa bongwe gope fela mo mmeleng wa gagwe, go le botlhoko thata jaana mo a ileng a rapela kgapetsakgapetsa gore a fole. (2 Bakorintha 12:7-10) Lefa go le jalo Modimo ga wa ka wa fodisa Paulo, ebile gongwe moaposetoloi yono o ne a tshwanelwa ke go tshela ka setlhabi seno go fitlhelela a swa. O ne a tshela ka botlhoko jono jwa gagwe, o ne a se ka a batla gore a tlhomogelwe pelo, ebile ga a a ka le ka motlha ope a latlhegelwa ke boitumelo jwa gagwe. (2 Bakorintha 7:4) Lefa monna yo o siameng Jobe a ile a boga mo go tlhomolang pelo, o ne a tswelela pele a tshegeditse tumelo ya gagwe mo go Jehofa, mme seno sa felela ka gore a bone tuelo e kgolo. (Yobe 42:12, 13) Fa re le batlhanka ba Modimo, re ka nna ra tiisiwa ke go tlhatlhanya ka dikai tseno le go rapelela thuso ya ga Jehofa.—Pesalema 41:1-3.

Go Nna O Tiile Go Sa Kgathalesege Dilo Tseo Di Re Bolaisang Pelo

Batho ba ga Jehofa ba ka nna ba tiile semoyeng go sa kgathalesege dilo dipe fela tseo di ba bolaisang pelo. Ka sekai, lefa gone re ka tshwanelwa ke gore re itshokele bolwetsi, re ka nna ra nna re ntse re le batho ba ba “itekanetseñ mo tumeloñ” ka go dirisa dilo tsa semoya ka botlalo tseo Modimo a re tlamelang ka tsone. (Tito 2:1, 2) Lefa re ka nna batho ba ba humanegileng ka tsela e e bolaisang pelo mo dilong tse di bonalang, re ka kgona go nna batho bao ba humileng ka tsela e e gakgamatsang semoyeng.

Go ikaega mo Modimong go bona botlhale le nonofo, re ka kgona go lepalepana le dilo tse di bolaisang pelo tseo di ka tlhagang go tswa mo dilong tsa mo gae. Ka sekai, akanya ka Abigaile, mosadi wa ga Nabale. E ne e le monna yo o “sebeto, a le boshula mo ditihoñ tsa gagwè,” ebile leina la gagwe ka bolone le bolela “Seramatla; Seeleele.” Abo go tshwanetse ga bo go ne go bolaisa pelo jang ne go tshela le monna yo o ntseng jalo! Mme lefa go ntse jalo, Abigaile o ne a nna a ntse a na le “tlhaloganyō” mme a se ka a felelwa ke tsholofelo. Eleruri, mafoko a gagwe le ditiro e ne e le tsa motho yo o botlhale thata jaana mo e leng gore o ne mo tiragalong nngwe a kgona Dafide ka mabaka gore a se ka a busolosa bosula le go tlhoka tebogo ga ga Nabale ka gore a se ka a tsholola madi le go retelelwa ke go ikanya mo go Jehofa.—1 Samuele 25:2-38.

Le eleng lefa selo se se go bolaisang pelo se bakiwa ke seemo seo se amanang le motho mongwe yo o kopanelang le phuthego ya Bokeresete, re ka kgona go itshoka re thusiwa ke maatla ao Jehofa a re a nayang. Seno se bontshiwa ke gore boitshwaro jo bo neng bo ka nna jwa bolaisa motho pelo jwa ga Dioterefese ga bo a ka jwa dira gore monna wa bomodimo Gaio a khutle go tlhola a dira molemo mme ka gone a roba boitumelo le dituelo tse dikgolo tsa semoya.—Ditihō 20:35; 3 Yohane 1-10.

Re ka nna ra bolaisiwa pelo ke go bo re eletsa go direla badumedi ka rona mo phuthegong mme bangwe ba bo ba tlhophiwa go direla jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi mme rona re bo re sa tlhophiwe. Lefa go ntse jalo, go na le gore re letle go ikutlwa re swabile gore go re feeketse, a re lekeng go inonotsha semoyeng le go letla gore moya wa Modimo o tlhagise maungo a one a a molemo mo go rona ka selekanyo se segolwane. (Bagalatia 5:22, 23) Mo dingwageng tse 40 tseo Moshe a di feditseng kwa Mediana, Modimo o ne wa godisa mo go ene ka selekanyo se segolo boikobo, bopelotelele, le dinonofo tse dingwe tseo di tlhokegang gore motho a kgone go lwa ka katlego le mathata le dilo tse di bolaisang pelo tseo a neng a tla rakana natso jaaka moeteledipele wa Baiseraele. Ka mo go tshwanang, Jehofa a ka tswa a re baakanyetsa ditshiamelo tsa mo isagweng tseo re ka nnang ra nna le tsone fa re ka nna re ntse re nonofile semoyeng le go sa ineele gore seo se re bolaise pelo.

Go Gololesega mo go Bolaisiweng Pelo ke Dilo—Ga go Kgakala!

Go sa kgathalesege gore dilo tseo di re bolaisang pelo ke tsa mofuta ofe, a di tla tsamaya di fela? Mo go rona, seemo seo re leng mo go sone se ka lebega e le se se ka tlhobogwang lefa go le jalo e seng mo go Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. Ga a bolaisiwe pelo ke dilo. Ka moperofeti Isaia, Modimo o ne wa re: “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.” (Isaia 55:11) Ereka Jehofa a na le maatla a magolo thata le taolo, ga go na sepe seo se ka se kgonegeng mo go ene. (Mareko 10:27) Ditsholofetso tsa gagwe tsa gore o tla leretse batho ba gagwe masego a a sa feleng eleruri di tla diragadiwa.—Yoshue 21:45.

Go belaela le go sa tlhomamisege ke dilo tse dikgolo tseo di bakang go bolaisiwa pelo ke dilo. Lefa go ntse jalo, go farologana le seno, “tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) Go dumela mo Modimong go re tlhomamisetsa ka tsela e e nonofileng gore ditsholofelo tsotlhe tse di thailweng mo Bibeleng di tla diragadiwa ka botlalo. Setlhogo sa Bibela yotlhe se otlelela tsholofetso ya ga Jehofa ya puso ya Bogosi, eo mo go yone lefatshe le tla nnang paradaise e e itekanetseng eo batho ba ba siameng ba tla ipelelang go tshelela ruri mo go yone. (Pesalema 37:11, 29) Sengwe le sengwe se se sa siamang—go akareletsa le go bolaisiwa pelo ke dilo—e tla bo e le selo sa maloba, ka jaana Modimo o tla ‘kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’—Pesalema 145:16.

Go fitlha masego ao a diragala, rotlhe re tla nna re ntse re na le seo se re bolaisang pelo. Lefa go le jalo tsholofelo e e mo Dikwalong e ka re naya bopelokgale le nonofo gore re itshoke. Kgakololo e e molemo eo re e fitlhelang mo Bibeleng e ka re bontsha kafa re ka atlholang dilo ka tsela e e molemo le go dirisa tlhaloganyo ka tsela eo e tla dirang gore matshelo a rona e nne a a tlhomameng le go nna le kagiso mo dipelong tsa rona. Go sa kgathalesege dilo tseo di re swabisang, re ka nna le “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.” (Bafilipi 4:6, 7) Ka gone, ntwa kgatlhanong le go bolaisiwa pelo ke dilo ga se e e ka se kakeng ya fenngwa. Ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go lwantsha seno gompieno mme ra kgona go se fenya mo isagweng.

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

Modimo o ka kgona go go thusa gore o lwantshe go bolaisiwa pelo ke dilo, jaaka a ile a thusa Jobe, Moshe, Abigaile, le Paulo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela