Dipokano Tsa Tirelo ka September
Beke E E Simololang ka September 6
Pina 164
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: A O Tla Nna Mmoledi wa ka Metlha wa Mafoko A A Molemo mo Ngwageng wa Tirelo wa 1994? Motlotlo ka mokwaledi. Simolola ka motlotlo wa dikwalo o o theilweng mo tshedimosetsong e e mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, mo ditsebeng 82 le 85. Morago ga moo, sekaseka se se dirilweng ke phuthego mo tirelong ya tshimo mo ngwageng o o fetileng wa tirelo o theile mo tshedimosetsong e e mo foromong ya Pego ya go Tlhatlhoba Phuthego (S-10). Itsise phuthego ka palo ya ba ba neng ba sa nne gone ka metlha mo ngwageng wa tirelo o o fetileng. Ke ba ba kae ba ba neng ba fetwa ke kgwedi e le nngwe fela ba sa ya tirelong ya tshimo? Ke ba ba kae ba ba neng ba fetwa ke dikgwedi tse pedi kana go feta? Ba bangwe ba ka tswa ba ne ba thulana le maemo a a boima, a a jaaka mathata a go sa itekanela sentle mo mmeleng, fa ba bangwe bone ba ile ba se ka ba bega tirelo ya bone. Rotlhe re ka dira mmogo jang go tlhomamisa gore mmoledi mongwe le mongwe o nna ka metlha mo bodiheding mo ngwageng o mosha wa tirelo? Tlotla ka dintlha tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya June 1993, tsebe 3. Gape o ka di kopanya le dintlha tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya July 1993, tsebe 2. Gatelela gore ke boikarabelo jwa motho ka namana go nna le seabe mo tirelong ya tshimo beke nngwe le nngwe le go isa pego ka bofefo fela fa kgwedi nngwe le nngwe e fela. Tlotla ka seabe sa motshwari mongwe le mongwe wa Thuto ya Buka ya Phuthego le sa mokwaledi sa go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tse di fitlhileng morago ga nako di a amogelwa le go romelwa kwa Mokgatlhong le pego ya kgwedi e e latelang. Mo Afrika Borwa palo e e ka tshwarang 20 lekgolong ya baboledi ga e bege ka metlha. Kwa Japane ke 2 lekgolong fela ya baboledi ba ba sa begeng ka metlha. A re ka tokafatsa mo ntlheng eno? A o ka ikemisetsa go lebana le kgwetlho ya go nna mmoledi wa ka metlha mo ngwageng ono wa tirelo wa 1994?
15 mets: “Go Thusa Ba Bangwe go Bona Letlotlo Je Legolo.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa sa 4, dira pontsho ya fa mmoledi a tsamaisetsa motsadi buka ya O Ka Tshelela Ruri.
Pina 108 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka September 13
Pina 112
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Akaretsa le pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Akgolela phuthego go bo e thusa phuthego ya lona ka madi mmogo le go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho.
10 mets: “Direla Ba Bangwe Molemo ka go Ba Neela Dimakasine.” Puo e e nang le dipontsho. Gatelela botlhokwa jwa go tsamaisa ditokololo tsa dimakasine tsa bosheng le tsa bogologolo ka botlalo. Dira dipontsho di le pedi, e nngwe go tsamaisiwa makasine wa bosheng mme e nngwe e bontsha ka fa go ka tsamaisiwang ka gone tokololo e kgologolo go tlhalosetsa mong wa ntlo dintlha dingwe tse di mo lebaganyeng tse a di tlhokang.
15 mets: “Ke Eng Se Re Tla Se Fitlhelelang mo Ngwageng Ono wa Tirelo?” Puo e e tlotliwang le bareetsi. E tshwanetse ya tshwarwa ke molebedi yo o okamelang. Tlotla le phuthego ka se e se dirileng mo ngwageng o o fetileng o bo o kgothaletsa botlhe go itirela dithulaganyo tsa go oketsa tiro ya bone mo ngwageng wa tirelo wa 1994.
10 mets: “Ithuteng Buka ya O Ka Tshelela Ruri le ya Go Utlwana mo Kobamelong.” Fa o sena go sekaseka setlhogo seno le bareetsi, dira gore mmoledi yo o baakanyeditseng sentle a bontshe ka fa motho a ka tlogelang ka gone go ithuta le motho mo bukeng ya Monna Yo Mogolo mme jaanong a fetogela mo go ithuteng buka ya O Ka Tshelela Ruri.
Pina 17 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka September 20
Pina 100
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gatelela ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka nnang tsa tsamaisiwa mo bekeng eno mo tirelong ya tshimo.
20 mets: “Thusang Batho ba Sekadinku go Aga mo Motheong O O Tiileng.” Se tlotliwa le bareetsi. Gatelela botlhokwa jwa go baakanyetsa loeto longwe le longwe lwa go boela. Rulaganya le mmoledi yo o tshwanelegang gore a bontshe ka fa a ka boelang ka gone mo mothong yo o tsereng buka ya O Ka Tshelela Ruri mo nakong e e fetileng, a dirisa tshedimosetso e e mo serapeng sa 3 kana sa 5.
15 mets: “Go Simolola Dithuto tsa Bibela tsa Legae.” Dipotso le dikarabo. Morago ga serapa sa 4, dira pontsho e e matlhagatlhaga o dira poelo e go dirisiwang Bibela fela mo go yone, mme lefa go ntse jalo e ikaegile ka dikarolo tse di mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri, kana ya Go Fetolana jaaka go akantshitswe.
Pina 84 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka September 27
Pina 109
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kopa molebedi wa tirelo gore a tle go bega ka kgatelo pele e e dirilweng fa go ne go dirwa tshimo e e sa abiwang o bo o tlotla ka dithulaganyo tsa kgwedi ya bofelo ya letsholo leno. Kgothaletsa botlhe gore ba tsamaye ba tshotse dibuka tse di farologaneng, go akaretsa le ditokololo tsa bogologolo tsa dimakasine, ka dipuo tse di buiwang mo tshimong eo. Fa go kgonega, tlogelela mong wa ntlo mongwe le mongwe se a ka se balang mo tshimong e lo e dirang.
15 mets: Letlole la Dipotso. Se tshwarwa ke mogolwane. Gatelela lebaka la go bo re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re itshwarang ka yone kwa kolobetsong le ka fa e ka amang Jehofa ka gone le molaetsa wa Bogosi.
15 mets: Go Tsamaisa Dipeeletso ka October. Rulaganya dipontsho di le tharo, e nngwe e le ya go tsamaisa Tora ya Tebelo ya bosheng, e nngwe go tsamaisiwa Tsogang! ya bosheng, mme mo go e nngwe mong wa ntlo a tshwaregile thata a bo a tsaya dimakasine kana pampitshana. Morago ga pontsho nngwe le nngwe tlotla le bareetsi ka lebaka la go bo puisano eo e le mosola. Kgothaletsa baboledi gore ba tsamaise dipeeletso mo nakong nngwe le nngwe.
Pina 21 le thapelo e e konelang.