“A Dilo Tsotlhe di Diragalele go Aga”
1 Fa re dirisana le bakaulengwe ba rona, re tshwanetse go dira se se molemo se se tla ba agang. Seno se bolela gore re amege ka go sireletsa dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng. Fa re dira mofuta mongwe wa tiro ya go itshedisa o o rotloetsang dilwana dingwe kana tirelo nngwe, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra kgopisa bakaulengwe ba rona ka sepe se re se dirang.—2 Bakor. 6:3; Bafil. 1:9, 10.
2 Batho bangwe ba ile ba tsenela dikgwebo tse di farologaneng tse di sa ntseng di simologa, ba lebile gore Bakeresetekabone e nne bone ba ba emang nokeng mo go tsone. Mekgatlho mengwe ya kgwebo e kgothaletsa baemedi ba yone gore ba rotloetse mongwe le mongwe go e ema nokeng—go akaretsa le ba ba mo bodumeding le bone. Bakaulengwe bangwe ba ile ba rulaganya gore go nne le dikokoano tse dikgolo tsa Basupi ka boikaelelo jwa go ba kgothaletsa go tsenela dithulaganyo dingwe tsa kgwebo. Batho ba bangwe ba rotloetsa dikgwebo tsa bone tse di sa ntseng di simologa ka go romelela badumedikabone tshedimosetso, diboroutšhara, tshedimosetso e e mo Internet, kana dikhasete ntswa ba sa di kopa. A go siame gore Mokeresete a tseye dilo tse di amanang le puso ya Modimo e le tse ka tsone a ka dirisang bakaulengwe ba gagwe ba semoya gore a solegelwe molemo? Nnyaa!—1 Bakor. 10:23, 24, 31-33.
3 Bakaulengwe ba Tshwanetse go Nna Kelotlhoko: Seno ga se bolele gore Mokeresete a ka se dire kgwebo le mokaulengwe yo mongwe. Eo ke kgang ya motho ka namana. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba simolola dikgwebo tse di ka tsalang bogagapa, mme ba tlhotlheletsa badumedikabone go kopanela kana go beeletsa madi le bone. Bontsi jwa dikgwebo tseno di a phutlhama, mme seno se bakela beng ba tsone ditshenyegelo tse di kwa godimo. Le mororo batho ba ba tsenetseng kgwebo nngwe ba ka tswa ba ne ba tlhotlhelediwa ke go batla go bona lotseno ka bonako, morulaganyi wa yone ga a tshwanela go akanya gore ga a na molato fa kgwebo eo e phutlhama. O tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko go sa le gale ka fa seno se tlileng go ama bomoya le boitekanelo jwa bakaulengwe ba gagwe ka teng, fa kgwebo eno e sa atlege. Batho ba ba nang le boikarabelo mo dithulaganyong tsa puso ya Modimo ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata malebana le dikgwebo tse ba inaakanyang le tsone ka gonne batho ba bangwe ba ka tswa ba ba tlotla le go ba ikanya fela thata. Go tla bo go le phoso fa ba dirisa tsela e ba ikanngwang ka yone ka tsela e e sa siamang. Fa mokaulengwe a sa tlhole a tlotlwa ke batho ba bangwe a ka nna a latlhegelwa ke ditshiamelo tsa tirelo e e boitshepo.
4 Mokgele wa rona e tshwanetse go nna gore “dilo tsotlhe di diragalele go aga.” (1 Bakor. 14:26) Re tshwanetse go tila go dira sepe se se simololang dikgwebo mo phuthegong kana se se di rotloetsang. Dilo tse di ntseng jalo ga di amane ka gope le mabaka a re nang le one a Dikwalo a go bo re phuthega mmogo.—Baheb. 10:24, 25.