LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/93 ts. 1
  • Batlang Dithuto Tsa Bibela ka Tlhoafalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batlang Dithuto Tsa Bibela ka Tlhoafalo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Buelela Dithuto Tsa Bibela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dithuto tsa Bibela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Nna o Ntshitse Matlho Gore O ke O Simolole Dithuto Tsa Bibela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Jala le go Nosetsa—Dikgato Tse di Gogelang kwa go Direng Barutwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 8/93 ts. 1

Batlang Dithuto Tsa Bibela ka Tlhoafalo

1 Re na le bosupi jo bo tletseng jwa gore lefatshe leno le legologolo ga le a salelwa ke sepe gore le fele. (2 Tim. 3:1-5) Seno se raya eng? Se raya gore matshelo a batho a mo kotsing. Lefa go ntse jalo, go mo thateng ya rona go thusa ba bangwe gore ba bolokwe. (Dia. 3:27) Ka ntlha ya lebaka leno re tshwanetse go leka ka tlhoafalo go simolola le go tshwara dithuto tsa Bibela.

2 Go setse go dirilwe molemo o le montsi thata ka go anamisa dibuka tsa rona tse di theilweng mo Bibeleng. Mme lefa go ntse jalo se batho ba se tlhokang thatathata ke go ba thusa ka go ba tshwarela thuto ya Bibela ya legae ya ka metlha. Re ka ba thusa jang go bona seno?

3 Re ka ba botsa dipotso tse di amang batho ba le bantsi. Dipotso tse di ntseng jalo di tshwanetse tsa lebisa thata mo lebakeng la go bo boitsholo jo bontle bo fokotsegile thata jaana, la go bo botshelo jwa lelapa bo sa tlhomama jaana, la go bo bothubaki le bokebekwa di le matshosetsi a magolo thata jaana, la go bo Modimo yo o lorato a dumeletse maemo a gompieno, le tse dingwe fela jalo. Nna o etse tlhoko dikgang le ditiragalo tse di ka kgatlhang batho mo tshimong ya lona. Ba tlhalosetse dikarabo tse di phepafetseng tsa Bibela tsa dipotso tseno. Ba bontshe kafa dibuka tse re di tsamaisang di ka kgonang go ba thusa ka teng go ithuta ka se Bibela e se bolelang ka ga dikgang tseno le tse dingwe tse di botlhokwa tseo di re amang rotlhe.

4 Ke selo sa botlhokwa go dira gore mong wa ntlo a buisanye le wena. Nna podimatseba mme o bone gore o amilwe ke eng thata. Dira gore puisano ya gago le ene e ikaege ka dilo tse di mo kgatlhang kana tse di mo tlhobaetsang. Dira gore a tlhokomele tshedimosetso nngwe mo bukeng, mo boroutšhareng, mo makasineng, kana mo pampitshaneng e e tlhalosang ka tharabololo e e tswang mo Bibeleng ya mathata a batho. Pele o ka tsamaya, botsa potso e le nngwe kana di le pedi tse o dumelang gore di tla mo dira gore a tlhologelelwe loeto lwa gago lo lo latelang. Fa o mmoela, tlhomamisa gore o mo gakolola dipotso tseno, mme go tswa foo o bo o dirisa buka go mo thusa go bona dikarabo tse di tswang mo Bibeleng.

5 Fa re simolola dithuto le go di tshwara ka metlha seo se ka fetola matshelo a batho. Re tlhoka go bontsha kgatlhego ya mmatota mo dilong tseo di amileng maikutlo a bao re kopanang le bone mo tshimong kana ka ditsela tse e seng tsa tlwaelo. Go tlhokega gore re baakanyetse sentle gore re tsose kgatlhego ya bone fa nako e ntse e tsamaya. Go tlhoka bopelotelele gore re nne re ba boela go fitlhela re ba fepa semoyeng ka metlha. Re tshwanetse go kgatlhegela batho ka tsela e e lorato. Re tshwanetse go batla ka bopeloephepa go ba thusa gore ba falole tshenyego e e tlang. Tiro ya rona ya thuto ya Bibela e tshwanetse ya nna kgang e re e rapelelang ka metlha le ka tlhoafalo.—1 Bathes. 5:17.

6 Re rulaganyetsa go gatisa dikgakololo di le dintsinyana go Tirelo ya Rona ya Bogosi mo dikgweding di sekae tse di latelang tse di tla thusang baboledi go tshwara dithuto tsa Bibela tse di tswelelang pele. Fa go kgonega, tsweetswee gakologelwang gore dithuto tsa Bibela di tshwanetse tsa tshwarwa go dirisiwa buka ya Tshelela Ruri. Buka ya bobedi e e tshwanetseng ya ithutiwa ke ya Go Utlwana mo Kobamelong. (Tsweetswee bona Letlole la Dipotso, kmTN 5/86.)

7 Go a kgothatsa eleruri go bona gore batho ba ba ka tshwarang milione ba ile ba nna barutwa ba ba kolobeditsweng mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. (Math. 28:19, 20) Jaanong re setse re tshwara dithuto tsa Bibela tse di ka nnang dimilione di le nne le sephatlo kgwedi nngwe le nngwe, mme seno se bontsha kafa re amegileng ka matshelo a ba bangwe ka teng. Re ka reng ka wena? A o ntse o leka ka tlhoafalo go nna le seabe mo tirong ya thuto ya Bibela ya legae? Gakologelwang gore matshelo a rona le a ba bangwe a ikaegile ka boikanyegi jwa rona mabapi le kgang eno.—Esek. 3:17-19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela