LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/01 ts. 1
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 9/01 ts. 1

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tsogang! Sept. 8

“Jaaka fa o ka tswa o itse, go lebega basha ba tlhaselwa motlhofo ke go tshwenyega thata mo maikutlong go feta le fa e le leng pele. Ke ka ntlha yang fa go ba tlhasela motlhofo jaana? Ba ka thusiwa jang? Ke akanya gore o tla fitlhela makasine ono o kgatlha go o bala, segolobogolo fa o le motsadi yo o amegang.”

Tora ya Tebelo Sept. 15

“Go na le batho ba ba ratang boammaaruri mo e ka nnang mo ditumelong tsotlhe. Le fa go ntse jalo, go bonala fa bodumedi bo kgaoganya batho. Go tlhokega eng go kopanya batho ba ba dipelo di ikanyegang? [Fa a sena go araba, bala Sefania 3:9.] Makasine ono o bontsha kafa kitso ka ga Modimo wa boammaaruri e kopanyang batho gongwe le gongwe ka gone.”

Tora ya Tebelo Oct. 1

“Gongwe o ka dumela gore batho ba le bantsi ga ba tlhole ba bua thata ka kgang ya go dumela mo Modimong. Mme ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? [Fa a sena go araba, bala Bahebera 11:1.] Makasine ono o bua ka se tumelo ya boammaaruri e leng sone le gore go nna le tumelo kgotsa go se nne le yone go re ama jang.”

Tsogang! Oct. 8

“O tshwanetse wa bo o tshwenyegile thata ka boikepo jo bo ntseng bo ya magoletsa mo lefelong leno la rona. A o kile wa ipotsa gore ke eng fa Modimo a itshokela boikepo jo bo kanakana? Ke eng fa a ise a tseele baikepi kgato le jaanong? [Mo letle go araba.] Makasine ono o naya tlhaloso ya Baebele e bile o bontsha tharabololo ya mmatota ya bothata jono.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela