LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/01 ts. 8
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 11/01 ts. 8

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tora ya Tebelo Nov. 15

“Re na le go utlwa batho ba re ‘Jesu o re swetse.’ [Nopola Johane 3:16.] A o kile wa ipotsa gore loso lwa motho a le mongwe fela le ka re boloka jang rotlhe? [Mo letle go araba.] Baebele e naya karabo e e motlhofo. Setlhogo seno se se reng, ‘Jesu o a Boloka—Jang?,’ se tlhalosa kgang eno sentle.”

Tora ya Tebelo Dec. 1

“Mo nakong eno ya ngwaga batho ba le bantsi ba tshwaregile thata ka go abelana dimpho le go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Seno se nkgopotsa Molao wa Sekagouta [Bala Mathaio 7:12.] A o akanya gore motho a ka kgona go tshela ka molao ono ngwaga otlhe? [Mo letle go araba.] Makasine ono o na le dilo di le dintsi tse o ka akanyang ka tsone mo setlhogong se se reng ‘Molao wa Sekagouta—A o Sa Ntse o Dira?’”

Tsogang! Dec. 8

“Baebele e solofetsa gore ka letsatsi lengwe ga go na ope yo o tla reng, ‘Ke a bobola.’ [Bala Isaia 33: 24.] Go dumalana le tsholofetso eo, makasine ono wa Tsogang! o bua ka bolwetse jo bo amang dimilione tsa batho, ba bannye le ba ba godileng. O na le setlhogo se se reng ‘Tsholofelo ya Batho ba ba Tshwerweng ke Ramatiki.’ Ke solofela gore o tla bona ka tsela e dimakasine tseno di rutang ka teng.

“A batho ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go sireletsa tikologo? [Mo letle go araba.] Bontsi bo ipotsa gore a ditshedi tse di bokoa tse di mo lefatsheng di tla nnela ruri kana nnyaa. Se se itumedisang ke gore Modimo o a di kgatlhegela. [Bala Nehemia 9:6.] Tsogang! e tlhalosa gore ke eng se se tlileng go direga ka ditshedi tse di mo lefatsheng mo isagweng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela