Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Mar. 15
“A ga o akanye gore lefatshe leno le ne le tla nna lefelo le le botoka go tshela mo go lone fa le ne le ka bo le busiwa ka tshiamo? [Mo letle gore a arabe.] Tsweetswee ela tlhoko se Baebele e se solofetsang. [Bala Pesalema 37:11.] Re ka ipelela kagiso eno, e e tla nnang gone fela fa go laola Moeteledipele yo o tshwanelang sentle yo o tlhalosiwang mo ditlhogong tseno.”
Tora ya Tebelo Apr. 1
“Ke kopa go go bontsha ntlha nngwe e e itumedisang thata go tswa mo Baebeleng. [Bala Mathaio 22:37.] O akanya gore seno se kayang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko setlhogo seno se se reng ‘Batla Modimo ka Pelo le ka Mogopolo wa Gago Otlhe.’ A tumelo ya boammaaruri ke kgang fela e e amang pelo, kana a e tshwanetse go ama le tlhaloganyo? O tla itumelela go utlwa karabo ya potso eno.”
Tsogang! Apr. 8
“Jaaka o itse, go tlhokomela lelapa mo malatsing ano ke kgwetlho tota, mme go nna mmabana ke tiro e e tlhokang mo gontsi thata. Makasine ono wa Tsogang! o na le setlhogo se se kgatlhang se se reng ‘Go Nna Mmè—A go Tlhoka Mosadi yo o Tlhomologileng?’ Ke rata go go tlogelela khopi eno.”
“Dithoromo tsa lefatshe di ka bolaya batho ba le bantsi thata le go baka tshenyo e se kana ka sepe. Gantsi bafalodi ba sala ba se na magae, go se tsela epe e ba ka tokafatsang maemo a bone ka yone. Makasine ono wa Tsogang! o bontsha kafa batho ba ba ileng ba welwa ke masetlapelo ano ba ileng ba kgona go lepalepana le ditlamorago tsa thoromo ya lefatshe ka teng. Gape o bontsha kafa dithoromo tsa lefatshe e leng karolo ya boporofeti jo bo botlhokwa thata jwa Baebele ka teng.”