Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Aug. 15
“Nka rata go utlwa se o se akanyang ka se temana eno e se bolelang. [Bala Bahebera 3:4.] A o dumela gore lobopo lo bopilwe ke Mmopi yo o botlhale? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka kgang ya gore a go dumela mo Mmoping go dumalana le saense.”
Tsogang! Aug.
Fa o kopana le mosha, o ka nna wa re: “Ba le bantsi ba ba lekanang le wena ba utlwisitswe botlhoko ke tshebo e e senyang. A o kile wa diragalelwa ke seno? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e naya kgakololo e e molemo e e ka re thusang fa re sebiwa. Gape e bontsha kafa rona re ka tilang ka gone tshebo e e kotsi.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12, mme o bale nngwe ya ditemana tse di mo setlhogong seo.
Tora ya Tebelo Sept. 1
“Ba le bantsi ba akanya gore ‘Tesetamente ya Bogologolo’ e na le tshedimosetso e e mosola ya hisitori. Mme ba ipotsa gore a dikaelo tsa yone di botlhokwa gompieno. Wena o akanya jang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Baroma 15:4.] Makasine ono o bontsha kafa ‘Tesetamente ya Bogologolo’ e nayang kgakololo e e mosola ka gone mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le tsholofelo ya mmatota ka isagwe.”
Tsogang! Sept.
“A o akanya gore masetlapelo a tlholego ke ditiro tsa Modimo? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Duteronome 32:4.] Makasine ono o sekaseka lebaka la go bo Modimo a letleletse masetlapelo a tlholego go direga. Gape o tlhalosa kafa o ka sireletsang lelapa la gago ka gone.”